
Ka BAKANG MOKOTO
10 Lwetse 2025 – Sepodisi sa kwa Ganyesa se ikuela go baagi go ba thusa go batlana le Euginia Naledi Setlhare (45), yo o dulang kwa kgaolong ya Ga-Manyai kwa Tlakgameng, gaufi le Ganyesa. Go ya ka tshedimosetso go tswa kwa sepodising, go begwa fa Setlhare a bonwe la bofelo ke mogoloe mo mosong wa letsatsi la Tshipi fa kgwedi ya Phukwi e ne e tlhola matsatsi a le 27.
Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Colonel Adéle Myburgh are go begwa ga Setlhare a tlhalositse fa a etela ntsalae kwa Vryburg. Myburgh are ba lelapa ba ile ba letsetsa ntsalae Setlhare kwa Vryburg, mme o ile a tlhalosa fa a sa goroga kwa go ene.
“Go ya ka tshedimosetso, Setlhare ke motho o sa itekanelang sentle mo tlhaloganyong. Go begwa fa a tlile a amogelwa kwa bookelong mabapi le bolwetsi jo. Sepodisi se ile sa bolotsa dipatlisiso, fela re ile ra boa ka nngobo e sa fotlhwa.
“Fela, go belaelwa fa Setlhare a le kwa Klerksdorp. Ka motsi wa fa a ne a nyelela, one a apere tracksuit e ntsho ka mmala, bottle neck e pududu, baki ga mmogo le di tekkies tse ditshweu. Setlhare o mosweu ka mmala, o na le matlho a ma khunou, mme o seemo se se bogareng,” Myburgh wa tlhalosa.
Myburgh are Setlhare one a tsentse meriri ya maitirelo (long, plaited and black hair). Myburgh are mongwe le mongwe o a ka tswang a na le tshedimosetso mabapi le se, a ka letsetsa mmatlisisi wa kgetsi e, eleng Sarasanta Kenny Sebogodi mo dinomorong tsa 082 374 0507, kgotsa go letsetsa seteishene sa sepodisi se se gaufi go 08600 10111.
“Tshedimosetso yotlhe e tla diriwa ya sephiri,” Myburgh wa tlhalosa.