Mosetsanyana o bolailwe kwa Tseoge


Setshwantsho: Moswi, Bokao Gaseimelwe

Ka OBAKENG MAJE

28 Phukwi 2025- Sepodisi sa kwa Morokweng, gaufi le Ganyesa, se butse kgetsi ya polao morago ga dipego tsa gore mosetsanyana wa dingwaga di le 6 o beteletswe le go bolawa kwa motseng wa Tseoge. Go begwa fa moswi a ne a tsamaya le mmagwe ka Lamatlhatso fa sejanaga se ba neng ba se palame se ema kwa ntlung e rekisang nnotagi.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, o tlhalositse fa mmagwe ngwana a ile a lemoga fa mosetsanyana o a seo, mme ba tshimolola go batlana le ene. Tryphosa are ga gwa nna le nko e tswang lemina, mme setopo sa mosetsanyana o, se ile sa bonwa ka letsatsi la Tshipi.

“Ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana, fela dipatlisiso di tsweletse,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com