
Ka OBAKENG MAJE
23 Sedimonthole 2025- Sepodisi mono Taung se tlhalositse fa se batlisisa kgetsi ya polao. Se, se tla morago ga gore monna wa dingwaga di le 34, a thopiwe ka dikgoka le go teketiwa pele ga a ka bolawa.
Go begwa fa moswi, eleng Rapelang Molale yo go begwang fa e le moagi wa kwa motseng wa Mothanthanyaneng mono Taung, a teketilwe ke baagi morago ga go latofadiwa ka go utswa dinku. Go begwa fa monna o, ga mmogo le ditsala tsa gagwe, ba ile ba kgorogelwa ke bangwe ba baagi le go ba tlhoma di potso mabapi le dinku tse di nyeletseng.
Go begwa fa ditsala tsa ga Molale ba ile ba netefatsa fa e le bone ba tshotseng dinku le go tlhalosa gore ba di neile mang. Go begwa fa Molale ene a ile a nna le thamo, mme seo se ile sa shakgatsa baagi.
Go ya ka dipego, baagi ba, ba ile ba ikadima Molale, mme ba ya go mo nwetsa kwa molapong.
Mongwe wa baagi o sa batleng leina la gagwe le itsiwe are: “Rona re bone fela batho batla ba tshwaraganetse setopo sa ga Molale, mme ba fitlha ba se baya fa fatshe kwa baagi ba neng ba kopanetse teng kwa Tiping. Re ile ra makala, mme re a tlhaloganya, gonne bogodu jwa leruo ke tlhoba-boroko go ralala Taung.
“Basimanyana ba ba utswang leruo, ba utswa ka bodipa, gonne ba dirisana le bangwe ba batlhankela ba sepodisi. Jaanong, le fa go itseela molao mo matsogong go sa siama, go bolaiwa ga ga Molale go tla dira gore sepodisi se batlisise dikgetsi tsa bogodu jwa leruo ka botswapelo, gonne baagi ba utlwile ke go senyediwa fa sepodisi ga se dire sepe.”
Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are sepodisi se butse kgetsi ya go thopa ka dikgoka, kgetsi ya go teketa ka maikaelelo a go ntsha dikgobalo tse di tseneletseng, ga mmogo le ya polao. Mokwabone are ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana, fela dipatlisiso di tsweletse.