Mong wa lefelo le le rekisang nnotagi o tshwerwe poo


Ka OBAKENG MAJE

25 Phatwe 2025- Sepodisi mono Taung se kaile fa se batlisisa kgetsi ya go tshwara poo o tlhometse. Se se tla morago ga gore mong wa ntlo e rekisang nnotagi a tshwarwe poo le go tseelwa madi a seatleng a sa totobalang.

Go begwa fa monna wa dingwaga di le 35, a ne a tswa kwa lefelong la gagwe la kgwebo kwa motseng wa Lokaleng ga mmogo le mokapelo wa gagwe go leba kwa legaeng la gagwe kwa Extension 7.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are go begwa fa monna o, a ne a kgorogelwa ke banna ba le bane ba ba sa itsiweng ba ba neng ba rwele dithiba nko le molomo.

“Tiragalo e, ke ya ka Labotlhano ka tlatlana. Go fitlha ga jaana, ga gona ope o tshwerweng, mme kgetsi e butswe. Sepodisi se ikuela go mongwe le mongwe o a ka tswang a na le tshedimosetso go letsetsa seteishene sa sepodisi se se gaufi,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com