Sepodisi se ikuela bakgweetsi go kgweetsa ka pabalasego


Ka OBAKENG MAJE

12 Tlhakole 2026- Sepodisi mono Taung se ikuelela go ba kgweetsi go kgweetsa ka kelo-tlhoko mo di tseleng tse di farologaneng. Se, se tla morago ga gore terekere e thulane le sejanaga sa poraevete kwa makopanelong a ditsela gaufi le seteishene sa sepodisi ka Labotlhano bosigo.

Go begwa fa sejanaga sa poraevete se se neng se tswa kwa ntlheng ya Mmabana Taung, se sa ema fa se ne se fitlha kwa makopanelong a ditsela, mme seo se ile sa dira gore mokgweetsi wa terekere a latlhegelwe ke taolo.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are ga gona ope o boneng dikgobalo mo kotsing e.

“Kgetsi e ile ya bulwa, fela ke pego ya kotsi gonne ga gona ope o boneng dikgobalo. Sejanaga ga mmogo le terekere ke tsone tse di itemogetseng ditshenyegelo,” van Rooyen.

taungdailynews@gmail.com