Mosadi o thudilwe le go bolaiwa ke sejanaga kwa Hartswater


Ka KEDIBONE MOLAETSI

24 Sedimonthole 2025- Sepodisi kwa Hartswater se ikuela go baagi go ba thusa go shupa setopo sa mosadi o sa itsiweng. Se, se tla morago ga gore mosadi o, a thulwe ke sejanaga se se ileng sa tshaba kwa lefelong la tiragalo.

Sebueledi sa sepodisi mono Kapa Bokone, Warrant Officer Molefi Shemane are sepodisi se amogetse ngongora fa kgwedi ya Sedimonthole e ne e tlhola matsatsi a le 21, mme nako e le metsotso e le masome a mararo morago ga ura ya lesome bosigo. Shemane are kotsi e, e diragetse kwa mmileng wa Piet Strydom, gaufi le ER Mocwaledi Secondary School teng kwa Hartswater.

“Mosadi o, o ile a gatiwa ke sejanaga se go bontshang se tshabile kwa lefelong la tiragalo. Moswi a ka tswa a na le dingwaga di le 30, mme one a apere borokgwe jwa jeans jo bo pududu ka mmala, ga mmogo le sekipa sa mmala wa legodimo. Mosadi o, o na le di dreadlocks mo tlhogong.

“Re ikuela go mongwe le mongwe o a ka tswang a na le tshedimosetso mabapi le tiragalo e, kgotsa a ka thusa sepodisi gore se fitlhelele ba losika la moswi, a ka letsetsa mmatlisisi wa kgetsi, Detective Constable Matonyane mo nomorong ya 0832442709, kgotsa a ka letsetsa nommore ya sepodisi ya 08600 10111,” Shemane wa tlhalosa.

Shemane are tshedimosetse ngwe le ngwe e tla tsewa jaaka ya sephiri.

taungdailynews@gmail.com