
Ka BAKANG MOKOTO
Sepodisi kwa Christiana se tlhalositse fa se butse kgetsi ya go fisiwa. Seno se tla morago ga gore sekolo se segolwane sa Lerona se jewe ka molelo ka Labotlhano mo mosong.
Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are: “Go fisitswe phaphosi e go bewang dilwane mo go yone (storeroom) kwa sekolong. Phaphosi eo, e farologane le diphaphosi-borutelo.
“Diphaphosi-borutelo ga di a angwa ke molelo. Go belaelwa fa molelo o, o ka tswa o tlhodilwe ke motho mongwe o sa itsiweng. Ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana, fela dipatlisiso di tsweletse.”