
Ka KEDIBONE MOLAETSI
19 Motsheganong 2025- Sepodisi sa Taung se batlisisa kgetsi ya go thopa ka dikgoka le kgothoso. Se, se tla morago ga gore monna wa dingwaga di le 61, a kgorogelwe ke banna ba le bararo fa a ne a robetse kwa ntlung ya gagwe kwa motseng wa Lokaleng, gaufi le Taung ka Lamatlhatso bosigo.
Go begwa fa banna ba ba sa itsiweng ba, ba ile ba tsenya monna o mo sejanageng sa gagwe le go mo amoga karata ya gagwe ya banka le mogala wa letheka. Go begwa fa ba ile ba tsamaya le ene, mme ba ile bam o latlhela kwa motseng wa Cokonyane, gaufi le Taung, le go tshaba ka sejanaga sa gagwe.
Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are: “Ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana mabapi le kgang e, fela dipatlisiso di tsweletse.”