Lesea le fitlhetswe le latlhetswe mo matlakaleng


Ka OBAKENG MAJE 

4 Tlhakole 2025- Sepodisi kwa Vryburg se tlhalositse fa se butse kgetsi ya go latlhiwa ga lesea. Se, se tla morago ga gore lesea le eleng gone le bonwang le fitlhelwe le latlhetswe mo matlakaleng kwa mmileng wa Market mo letsatsing la maabane kwa Vryburg. 

Sepodisi se bega fa se ne sa amogela mogala go tswa go tlhoka-ina, mme a ba lotlegela fa gona le lesea le le latlhetsweng mo matlakaleng. 

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are: “Ka maswabi, lesea leo le fitlhetswe le tlhokafetse. Sepodisi se buloditse dipatlisiso go ka leka go batlana le mong wa ditiro tse di maswe tse.”

Kgabagare, ditheo tse eseng tsa puso di ikuela go bomme ba ba sa batleng masea a bone morago ga pelego, go ba isa kwa ditheo tse di farologaneng go na le go ba latlha kgotsa go ba bolaya. 

Mokaedi kwa Setheo sa #KeReady Youth Movement, Doctor Sivuyisiwe Jekwa, o boleleletse ba YFM gore, mongwe le mongwe o a ka iphitlhelang a le mo tsietsing ya go bona lesea, mme a sa le batle morago ga pelego, a ka mo isa kwa ditheo tse di farologaneng tsa puso.

“Fa o ka iphitlhela o imile, mme wa lemoga gore ga o batle lesea leo, go mosola go ntsha mpa fa go ima ga gago go sentse go le go sha, kgotsa isa lesea leo kwa ditheo tse di farologaneng tsa puso morago ga pelego. 

“Kgang ya masea a latlhiwang mo Afrika Borwa ke tlhoba-boroko. Go begwa fa masea a feta 250 a latlhilwe ngwaga-tlola. Go ya ka Lefapha La Katlatlelo-Loago, ditiragalo tsa go latlhiwa ga masea di etlegetse thata kwa diporofenseng tsa Kwazulu-Natal, Free State, ga mmogo le Western Cape,” Jekwa wa tlhalosa. 

Fela go ya ka setheo se se thusang ka go phutha masea a latlhilweng sa Door of Hope Children Mission, se tlhalositse fa masea a feta 3500 a latlhiwa ngwaga le ngwaga mo Afrika Borwa. Setheo se, se tlhalositse fa go lesea lengwe le lengwe le le fitlhelwang le latlhilwe, a le mabedi a ona a fitlhelwa a tlhokafetse. 

Go ya ka dipatlisiso go tswa kwa National Library of Medicines, di shupa fa 35% ya makgarebe a imileng a magareng ga dingwaga di le 15 le 19, kwa Sub-Saharan Africa, ba ne ba sa ikemisetsa go ima. Dipatlisiso gape di shupa fa meroba eo, ene e se mo dikamanong tsa marato tse di tsepameng.      

Go ya ka dipatlisiso, bontlha-bongwe jwa meroba e, ba feleletsa ba ntshitse dimpa ka mokgwa o o seng mo molaong, fa bontlha-bongwe ba feleletsa ba nnile le masea ao. 

taungdailynews@gmail.com