Monna o latofadiwang ka go bolaya ngwana le mmagwe o tlhagelela kwa kgotlhatshekelo


Ka OBAKENG MAJE

27 Diphalane 2025- Monna o latofadiwang ka maiteko a petelelo le dikgetsi tse pedi tsa polao, o solofetswe go tlhagelela ka boripana kwa kgotlhatshekelo ya Mothibistad mo letsatsing la gompieno. Se, se tla morago ga gore a tshwarwe le go latofadiwa ka go bolaya Mosetsanagape Syliva Pule (49) ga mmogo le morwae, Phillip Pule (9) kwa motseng wa Cassel gaufi le Kuruman.

Go begwa fa Phillip, yo o neng a tswa sekolong, o ile a fitlhela mmelaelwa a leka go betelela mmagwe, mme a leka go tlhaga mmagwe thuso. Fela ka maswabi, go begwa fa monna o, a ile a tlhaba Sylvia ga mmogo le Phillip ka thiba go fitlhela ba tlhokafala gone kwa lefelong la tiragalo.

Sebueledi sa sepodisi kwa porofenseng ya Northern Cape, Colonel Cherelle Ehlers are sepodisi sa kwa seteisheneng sa Bothithong se ile sa bolotsa dipatlisiso. Ehlers are tiragalo e, ke ya kgwedi ya Diphalane e tlhola matsatsi a le 20 ka ura ya bobedi mo motshegareng.

“Dipatlisiso tsa go sa le gale di shupile fa Phillip a ile a leka go pholosa mmagwe go selalome se se neng se leka go mo betelela. Dipatlisiso dishupa fa baswi ba tlhabilwe ka thipa go fitlha ba tlhokafala. Mmelaelwa o ile a tshwarwa, mme o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Mothibistad fa dipatlisiso di tswelela,” Ehlers wa tlhalosa.

Kgabagare, baswi ka bobedi ba bolokilwe mafelo ano a beke kwa motseng wa Glenred gone kwa porofenseng ya Northern Cape.

taungdailynews@gmail.com