Banna ba le babedi ba tshwerwe morago ga ditatofatso tsa go tshwara poo


Ka KEDIBONE MOLAETSI

14 Phukwi 2025- Banna ba le babedi ba solofetswe go tlhagelelwa kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Se, se tla morago ga dipego tsa gore banna ba le bane ba ba neng ba tlhometse, ba itelekele kwa ntlung ya motswasetlhabelo, Keitumetse Lenah Lebitsa (43), mme ba mo tshware poo.

Tiragalo e, ke ya ka Lamatlhatso kwa motseng wa Matsheng, gaufi le Taung. Go begwa fa banna ba, ba ile ba tsaya dilwana tsa mo ntlung ga mmogo le madi a seatleng.

Go begwa fa sepodisi se ile sa sala morago motlhala wa banna ba, mme ba tshwara ba le babedi ba bone.   

taungdailynews@gmail.com