Setopo sa mosimanyana se ntshitswe kwa nokeng  


Ka REGINALD KANYANE

28 Ferikgong 2025- Setopo sa mosimanyana wa dingwaga di le 15, se ntshitswe kwa nokeng ya Vaal gaufi le toropo wa Christiana mo letsatsing la maabane. Se se tla morago ga gore mosimanyana o, a nwele ka letsatsi la Tshipi. Go ya ka sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone, moswi ga mmogo le ditsala tsa gagwe di le pedi, ba ne ba thuma kwa nokeng eo, ka motsi wa tiragalo. Mokgwabone are, go lebega fa mosimanyana o, a ne a go thuma kwa lefelong le le boteng fa a ka nwela.

“Go ile ga bidiwa sepodisi se se thumang, mme setopo sene sa bonwa mo letsatsing la maabane. Ga gona letsogo la tshwene le le belaelwang mo losong le,” Mokgwabone wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com