Setopo sa monna o sa itsiweng se bonwe kwa nageng


Ka BAKANG MOKOTO

2 Sedimonthole 2024- Sepodisi kwa Christiana, se batlisisa kgetsi ya morago ga loso. Se se tla morago ga gore setopo sa monna o sa itsiweng se bonwe kwa nageng.

Go begwa fa setopo sa monna o sa itsiweng, se bonwe gaufi le mafulo a leruo kwa nageng kwa motse-setoropong wa Utlwanang, gaufi le Christiana mo letsatsing la maabane.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Sarasanta Tryphosa van Rooyen are: “Sepodisi se ile sa bilediwa kwa lefelong la tiragalo. Go fitlha ga jaana, moswi ga itsiwe.

“Ga gona matshwao ape a bontshang fa monna o a bolailwe. Fela, ga se re itse gore loso le ka tswa le bakilwe ke eng. Seo se tla itsiwe morago ga diteko tsa loso.”

taungdailynews@gmail.com