The Guardian

"Guarding The Truth"

Menu

Skip to content
  • Home
  • About
  • CAREERS
  • CONTACT US
  • ENTERTAINMENT
  • JOBS
  • NEWS
  • POLITICS
  • SPORT

Tag Archives: se ba tshepisitse gore batla bona metsi a sa kgaleng go tloga ka letsatsi la Mosupulogo.

Baagi ba re ba tlile go bolotsa mokgwanto o mongwe gape fa kgang ya tlhokego ya metsi e sa rarabololwe  

March 13, 2024The Guardian NEWS Leave a comment

Setshwantsho: Baagi ba metse e farologaneng ba gwantetse kwa setlamong sa Magalies Water mo Taung

Ka OBAKENG MAJE

Baagi ka kakaretso go ralala metse ya Taung, ba re ba setse ba itlhobogile mo go boneng metsi a phepha, ebile a nwega. Baagi ba, ba re ba tsweletse go itewa ke lenyora le mororo masepala wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati, ga mmogo le setlamo se se rebolang metsi sa Magalies Water, se ba tshepisitse gore batla bona metsi a sa kgaleng go tloga ka letsatsi la Mosupulogo. 

Seno se ile sa pateletsa baeteledipele ba mokgatlho wa Tlhokego Ya Metsi Concerned Group, go leba kwa dikantorong tsa Magalies Water mo letsatsing la maabane. Mongwe wa baeteledipele wa mokgatlho o, Letlhogonolo Phutieagae, are ba dirile se ele go leka go bona dikarabo mo ntlheng ya tlhokego ya metsi. 

“Jaanong, re dumalane fela ka bongwe jwa pelo le baagi ba Taung gore, re tlile go bolotsa mogwanto mo letsatsing la Mosupologo wa beke e e tlang fa dingongorego tsa rona di sa sekegelwe tsebe. Re ne re le mo kopanong mo bekeng e fetileng, mme masepala wa sedika, ga mmogo le Magalies Water, ba ile ba re tshepisa gore re tlile go bona metsi go tloga ka Mosupulogo. 

“Fela dipompo di tsweletse go kgala, mme ga re tlhaloganye gore sebakwa sa seno ke eng. Re ne re tsenetse kopano le ba Magalies Water mo letsatsing la maabane, fela ga ra bona dikarabo. Ke ka moo o bonang re ile ra ya kwa dikantorong tsa Batlhaping Baga Phuduhucwana go ya go kopana le Kgosi Tshepo Mankuroane,” Phutieagae wa tlhalosa. 

Are masepala wa sedika, ga mmogo le Magalies Water, ba dirile maitlamo a mo pele ga kgosi, jaanong ba ne ba batla go mo itsise gore, se sene se buiwa ko kopanong ya maloba sene se sena bonnete.  

Kgabagare, molekgotlha kwa masepaleng wa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Pico Seepamere yo ebileng a ikarabela ka mafaratlhatlha kwa komiting ya ga majoro are: “Re tla itsise baagi gore re okeditse dirori tse di neelanang ka metsi mo Taung. Gape, re emetse ditanka di le 15 tse re tlileng go diphasalatsang le metse e farologaneng ya Taung. 

“Se, se tlile go re thusa gore metse yotlhe e fitlhelele metsi. Jaanong, re kopile ka tswedintswe gore, baagi ba ba kgonang gore beela ditanka tse mo dijarateng tsa bone, ba dire jalo. Seo se tla thusa gore metsi ao a se kgotlhelege.”

Seepamere are mo bekeng e e fitileng, ba ne ba tsenetse kopano le setlamo sa Vaalharts. 

“Re dumalane le bone gore re tshwanetswe gore re okeletswe metsi. O tla gopola gore, diperesente di le 70 tsa metsi are a bonang, a fetela kwa temo-thuong. Jaanong, seo se re tlogele ka diperesente di le 30 tsa metsi a nowang. 

“Maswabi ke gore, le one metsi ao, re a kgaoganya le balemi ba mo Taung. Jaanong, seo se dira gore go nne le tlhokego e e tseneletseng ya metsi. Fela re setse re kwaletse ba lefapha la metsi ga mmogo le kgelelo-leswe, gore ba re okeletse metsi,” Seepamere wa tlhalosa. 

Seepamere are masepala o tsweletse ka go aga madutelo, mme mangwe a one a tla dirisetswa go tlhatswa metsi. Seepamere are, metsi a bonwang kwa Taung, ana le iron e ntsi go fitlha ga jaana. 

taungdailynews@gmail.com

Share this:

  • Click to share on X (Opens in new window) X
  • Click to print (Opens in new window) Print
  • Click to share on WhatsApp (Opens in new window) WhatsApp
  • Click to share on Facebook (Opens in new window) Facebook
  • Click to share on Reddit (Opens in new window) Reddit
  • Click to email a link to a friend (Opens in new window) Email
  • Click to share on LinkedIn (Opens in new window) LinkedIn
  • Click to share on Pocket (Opens in new window) Pocket
  • Click to share on Pinterest (Opens in new window) Pinterest
  • Click to share on Tumblr (Opens in new window) Tumblr
Like Loading...
ba re ba setse ba itlhobogile mo go boneng metsi a phephaba re ba tsweletse go itewa ke lenyora le mororo masepala wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi MompatiBaagi ka kakaretso go ralala metse ya Taungebile a nwega. Baagi baga mmogo le setlamo se se rebolang metsi sa Magalies Waterse ba tshepisitse gore batla bona metsi a sa kgaleng go tloga ka letsatsi la Mosupulogo.

Enter your email address to follow this blog and receive notifications of new posts by email.

@Taung_DailyNews

Tweets by Taung_DailyNews

www.taungdailynews.wordpress.com

RSS Feed

RSS Feed

Categories

  • CARRERS
  • dailysun.mobi sunday sun kelly khumalo senzo meyiwa goalie singer
  • ENTERTAINMENT
  • fresco firearm oscar pistorius trial shot reeva steenkamp
  • JOBS
  • kenneth roderick rabie douglas kimberley saps priscilla naidu missing matshonisa
  • minister health motsoaledi cape town anc condoms contraceptives
  • NEWS
  • onalenna maretela magogong bus verspoen primary anc taung tusk
  • POLITICS
  • sport
  • SPORTS
  • tebogo ngake murder inquest hanged self rape accused
  • Uncategorized

Hours & Info

3999 Mission Boulevard,
San Diego CA 92109
1-202-555-1212
Lunch: 11am - 2pm
Dinner: M-Th 5pm - 11pm, Fri-Sat:5pm - 1am

Categories

Social

  • View Taung DailyNews’s profile on Facebook
  • View @Taung_DailyNews’s profile on Twitter
  • View taungnews’s profile on Instagram
  • View Taung DailyNews’s profile on YouTube
  • View Taung DailyNews’s profile on Google+
December 2025
M T W T F S S
1234567
891011121314
15161718192021
22232425262728
293031  
« Nov    

Enter your email address to follow this blog and receive notifications of new posts by email.

Join 10.4K other subscribers
Follow The Guardian on WordPress.com
The Guardian

The Guardian

Vision- To unite and educate all local communities through Taung DailyNews. Mission- To give a voice to social issues which threaten the community are discussed and inciting community journalists to cover current concerns. To engage strategic pattern through advertising in Taung DailyNews to ensure the successful of the publication.

View Full Profile →

The Big DayFebruary 22, 2019
The big day is here.
  • bplmere's avatar
  • foolproofplan's avatar
  • Unknown's avatar
  • superblyd12fdb20bc's avatar
  • Unknown's avatar
  • tebogomogoiwa's avatar
  • Unknown's avatar
  • Unknown's avatar
  • Unknown's avatar
  • Unknown's avatar

Recent Comments

Matthews_Bantsijang's avatarMatthews_Bantsijang on Who will emerge as ANC provinc…
Matthews_Bantsijang's avatarMatthews_Bantsijang on Iconic North West Agricultural…
Lebogang Walter's avatarLebogang Walter on New Phumatra buses to ease tra…
Zimbabweans arrested… on Three suspects from Zimbabwe a…
Three Suspects Arres… on Three suspects from Zimbabwe a…

Follow Us

Social

Top Posts & Pages

  • SA mourns the death of Kgosi Bogosieng Mahura
  • Mayor loses his brother in an accident, accused of assaulting paramedic, traffic officer  
  • Four traffic officers accused of killing a Nigerian man denied bail
  • Opinion: Withholding of equitable share will have adverse result
  • Banna ba le babedi ba tlhagelela kwa kgotlhatshekelo mabapi le polao ya rra ditekesi le modisa wa gagwe
  • Two armed suspects who allegedly committed robbery assaulted by community members   
  • JOBS
  • Four suspects arrested for murder
  • Three suspects nabbed for hijacking
  • Ousted Greater Taung Local Municipality mayor, Tumisang Gaoraelwe challenges his removal

Twitter Updates

Tweets by Taung_DailyNews
Website Powered by WordPress.com.
  • Subscribe Subscribed
    • The Guardian
    • Join 453 other subscribers
    • Already have a WordPress.com account? Log in now.
    • The Guardian
    • Subscribe Subscribed
    • Sign up
    • Log in
    • Report this content
    • View site in Reader
    • Manage subscriptions
    • Collapse this bar
 

Loading Comments...
 

    %d