Monna o bolaile lesea la gagwe kwa Thagas


Ka KEDIBONE MOLAETSI

23 Phukwi 2025- Monna wa dingwaga di le 33 wa kwa motseng o sa tlhomamang wa Thagadiepelajang, gaufi le Hartswater, o tshwerwe. Se, se tla morago ga ditatofatso tsa go bolaya ngwana wa gagwe wa dikgwedi di le 15 wa mosetsanyana.

Go begwa fa lesea le, le ne le tlogetswe ke motsadi wa lone mo matsogong a kgaitsadie molatofadiwa fa a ne a ya tirong. Go ya ka dipego, rragwe lesea le, one a le phamola mo godimo ga bolao, mme a le bataganya mo fatshe.

Go begwa fa motlhokomedi wa lesea o neng a tlhatswa diaparo kwa ntle, a ne a utlwa selelo sa lesea ga ngwe fela kwa ntlung, mme ga nna tidimalo. Fela go begwa fa a ne a tswelela go utlwa modumo wa go bataganngwa mo fatshe ga sengwe, mme a ya go lekola.

Go begwa fa ka maswabi, a ne a fitlhela kgaitsadie a bataganya lesea leo mo fatshe. Go begwa fa motlhokomedi o, a ne a tabogisetsa lesea le le neng le tswa madi ka dinko kwa kliniking ya selegae, fela le ile la tlhokafala.

Go begwa fa rragwe ngwana a ne a palama bolao a robala morago ga tiragalo e. Go begwa fa a ne a makala thata fa a ne a bolelelwa gore o dirile eng ka motsi wa fa sepodisi se goroga.   

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi kwa porofenseng ya Kapa Bokone, Lieutenant Colonel Sergio Kock are, monna o, o tshwerwe mme o tla tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Hartswater mo nakong e sa fediseng pelo. Fela Kock are mongwe le mongwe o a ka tswang a na le tshedimosetso ya gore go diragetseng, a letsetse mmatlisisi wa kgetsi eleng Sarasanta Godiamang Pico mo dinomorong tsa 067 594 5381 kgotsa a letsetse sepodisi mo dinomorong tsa thibelo bosenyi tsa 08600 10111 kgotsa a ka dirisa MySaps app. 

“Tshedimosetso yotlhe e tla tsewa jaaka sephiri,” Kock wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com