SANCO e ikuela go ANC go ntsha meiyara wa Naledi, Clifton Groep mo maemong a gagwe


Ka RE GINALD KANYANE

19 Ngwanatsele 2025- Masepala o aparetsweng ke mathata wa Naledi kwa Vryburg, o thapile motsamaisi wa tsa setegeniki (Director of Technical Services), Divhani Munyai jaaka motsamaisi wa masepala (Municipal Manager) wa nakwana. Se, se tla morago ga gore Kgotlhatshekelo ya Boikuelo (Supreme Court of Appeal) kwa Bloemfontein, e kgapele thoko boikuelo jwa masepala mabapi le go thapiwa ga motsamaisi wa maloba wa masepala, Modisenyane Thompson Segapo.

Go begwa fa Segapo a sa thapiwa go ya ka ditsela tse di maleba, mme kgetsi eo, e ile ya tlhatlhelwa kwa kgotlha-kgolo ya Bokone Bophirima ke maloko mangwe a neng a sa itumela. Kgotlhatshekelo-kgolo ya Bokone Bophirima e ile ya atlhola fa masepala o sa sala ditsela tse di maleba morago mabapi le go thapa Segapo, mme ya laela masepala go ka busetsa tshwetso eo kwa morago.

Fela masepala one wa tseela kgetsi e kwa Kgotlhatshekelo ya Boikuelo, kwa le gone ba laetsweng gore go thapiwa ga ga Segapo go ne go se mo molaong. Go begwa fa kgetsi e, e jetse masepala dimilione tsa diranta di feta 20.

Jaanong, masepala o ile wa ntsha pego e shupang fa o thapile Munyai go ka nna motsamaisi wa nakwana.

Sebueledi sa masepala, Portia Maphike are Munyai o setse a tshimolotse ka tiro ya gagwe fa kgwedi ya Ngwanatsele e tlhola matsatsi a le 17. Maphike are se, se tla morago ga gore khansele ya masepala e tseye tshwetso eno mo kopanong e e neng e tshwere fa kgwedi ya Ngwantsele e tlhola matsatsi a le 17.

“Se, se tlile go thusa gore masepala o kgone go rebola ditirelo kwa bathung. Masepala o ikanne gore o tlile go tswelela ka go rebola ditirelo go baagi ntle le tiego. Khansele ya masepala e na le tumelo e tletseng mo boeteledipele jwa ga Munyai, gonne o setse a itshupile jaaka modiri wa masepala. Masepala o batla go tlisa botsitso, mme o tswelele ka maikano a thebolo ya ditirelo.

“Khansele ya masepala, e romela ditebogo go baagi ga mmogo le bannaleseabe botlhe mabapi le boineelo jwa bone. Khansele e ikaeletse go tlhatlhosa seelo sa go dira dilo mo pontsheng, le go tsaya maikarabelo gore seo se tlise botsitso le tsamaiso e botokwa ya thebolo ya ditirelo go baagi,” Maphike wa tlhalosa.

 Kgabagare, mokwaledi wa mokgatlho o emelang baagi wa South African National Civic Organisation (SANCO) mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Butinyane Moholo are: “Jaaka mokgatlho wa SANCO, re amogela ka botlhoko mabapi le tsamaiso e bokoa ya puso kwa masepaleng wa Naledi. Se, se gatisitswe ke katlholo ya Kgotlhatshekelo ya Boikuelo e e ntshitsweng fa kgwedi ya Ngwanatsele e tlhola matsatsi a le 14. Kgotlhatshekelo ya Boikuelo e tlhalositse gore go thapiwa ga ga Segapo go ne go se mo molao.

“O tla gopola gore ANC mono Bokone Bophirima, e ile ya tsaya tshwetso ya go tlosa meiyara wa masepala wa selegae wa Naledi, Clifton Groep mo maemong a gagwe. Lekoko la ANC le ile la fitlhelela fa go na le tsamaiso e bokoa ya masepala, mme seo se bakilwe ke keteledipele e bokoa ya sepolotiki. Le fa ANC e tshotse tshwetso ya go ntsha Groep mo maemong a gagwe, Groep o sentse a kakatletse maemo ao, mme go tlhoka go montsha mo maemong ao, go tlhodile go phutlhama ga masepala.”

Moholo are jaanong are ba ikuela go lekoko la ANC go ka tsenya tirisong tshwetso ya lone ya go ntsha Groep mo maemong a gagwe jaaka meiyara. Moholo are lekoko la ANC le tshwanelwa ke go netefatsa fa masepala o sala morago melao e maleba mabapi le go thapiwa ga motsamaisi wa masepala.

“Masepala o tshwanelwa ke go netefatsa fa go nna le thebolo ya ditirelo e tokafetseng go baagi le go rwala maikarabelo. Baagi ba Naledi ba tsweletse go ntshiwa setlhabelo ka ntlheng ya ditshwetso tse di bokoa le go nna kgatlhanong le molao tse di tshotsweng ke keteledipele ya sepolotiki kwa masepaleng. Jaanong, re tlile go tswelela go ka netefatsa fa ditshwanelo tsa baagi di diragadiwa, ebile go nna le thebolo ya ditirelo e lolame kwa masepaleng,” Moholo wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com