
Ka OBAKENG MAJE
30 Moranang 2025- Monna wa dingwaga di le 19, o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshkelo ya Taung mabapi le polao. Se se tla morago ga gore a latofadiwe ka go bolaya monna wa dingwaga di le 19, kwa motseng wa Qhoo, gaufi le Taung.
Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are: “Go begwa fa banna ba, ba ne ba dutse botlhe ka letsatsi la Tshipi mo maitsiboeng fa gone ga tsoga nganyisano.
“Go begwa fa mmelaelwa, a ne a ntsha thipa le go tlhaba moswi. Kgetsi e ile ya bulwa, mme mmelaelwa o ile a tshwarwa. O solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno go lebagana le ditatofatso tsa polao.”