

Ka OBAKENG MAJE
Monna o latofadiwang ka go utswa kgomo, mme a e rekisetsa lelapa lengwe le le neng le tshwerwe phitlho, o neetswe beile ya R1000 ke kgotlha-tshekelo ya Taung mo letsatsing la Mosupulogo. Andries McCarthy, o latofadiwa ka go utswa kgomo, mme a e rekisetsa ba lelapa la ga Louw le le neng le tshwere tirelo ya phitlho kwa Maganeng, gaufi le Pudimoe ka Lamatlhatso.
Go begwa fa ba lelapa ba rekile kgomo eo ka R8000 go tswa go molatofadiwa.
Mongwe wa lelapa la ga Louw yo o sa batleng leina la gagwe le itsiwe are, ba ile ba kgakgamadiwa ke go bona sepodisi se itatlhela kwa lelapeng la bone, ura pele phitlho e ka simolola ka Lamatlhatso. Are mapodisi ao, ba ile ba ba begela fa kgomo e tlhabilweng kwa phitlhong, go belaelwa fa ele ya bogodu.
“Re ne re tshwere tirelo phitlho ya ga Kedumetse Bosman, mme re ile ra gamarega fa re bona mapodisi ba ikaba ka dipitsa tsa nama. Ba ile ba tlhalosa fa kgomo e tlhabilweng mo phitlhong, go belaelwa fa e ka tswa e utswitswe.
“Go ile ga tsoga tlhatlharuane magareng ga mapodisi le banna ba baneng ba kgoba nama kwa sakeng. Banna ba, ba ne ba ipelaetsa kgatlhanong le sepodisi gore se se tseye pitsa ya bone ya diretlo, gonne kgale ba semeletse go utlwala,” mongwe wa lelapa wa tlhalosa.
Fela kwa bofelong, go begwa fa sepodisi se ile sa amoga banna ba pitsa eo ya diretlo, ga mmogo le dipitsa tsotlhe tse di neng di apeile nama. Go begwa fa batla-phitlhong, ba ile ba jela fela ka cabbage, ntle le moronyana, gonne sepodisi se sa tlogela le ha ele setoki kwa morago.
Kgetsi ya go fitlhelwa ka setoto sa kgomo kgatlhanong le McCarthy, e buseditswe morago go fitlhelela di 11 Lwetse 2024.
Kgabagare, McCarthy o tlhaloseditse lekgotlha fa a tlile go ka ithapela mmueledi o o ikemetseng go ka mo emela mo kgetsing e.