
Ka OBAKENG MAJE
27 Ferikgong 2025- Monna wa dingwaga di le 25 o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlha-tshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno mabapi le polao. Se se tla morago ga gore monna wa dingwaga di le 25 a tlhabiwe le go bolawa kwa lefelo la go rekisa nnotagi le le mo tselakgolo ya N18, kwa motsesetoropong wa Pudimoe.
Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Col Adele Myburgh, go ile ga runya ntwa magareng ga banna ba le babedi kwa lefelong le le rekisang nnotagi ka masa a letsatsi la Tshipi. Myburgh are, mogolwe monna oneng a lwa le moswi, o ile a tlhaba moswi ka thipa mo molaleng, mme a tlhokafa ka gangwe.
“Go ne ga bidiwa bathuso ya potlako, fela ba ne ba netefatsa fa moswi a setse a iketse badimong. Monna wa dingwaga di le 25, one a lelelwa ke ditshipi mme o solofetswe go rotola matlho kwa kgotlha-tshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno,” Myburgh wa tlhalosa.