
Setshwantsho: Motlotlegi Collen Maine o neelana ka dikobo go bagodi
Ka BAKANG MOKOTO
23 Phukwi 2025- Motlatsa-mmusakgotlha kwa Kokwanotheo-Molao mono Bokone Bophirima, yo gape eleng mopresidente wa maloba wa leki ya Basha ya ANC, motlotlegi Collen Mokone Maine, one a etetse metse e farologaneng go ralala Taung, maitlhomo ele go abelana metsotso ele 67 ya ga Mandela le baagi. Maine o a neng a tsamaya le maloko a farologaneng go tswa kwa Kokwanotheo-Molao mono Bokone Bophirima, o ile a neela bagodi ba kwa motseng wa Ntshwanahatse dikobo di le 50, ga mmogo le mae.
Gape o ile a abela ba lelapa la ga Boitsiemang ntlo ya diphaphosi di le nne ka tshwaragano le sepodisi sa Afrika Borwa. Se, se tla morago ga gore maloko a le robedi a lelapa, a shelwe ke ntlo mme ntse ba dula mo mogwafatshe o monnye.
“Jaaka maloko a Kokwanotheo-Molao ya Bokone Bophirima, re ile ra etela sedika sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, mme re tshimolotse kwa motseng wa Ntswanahatse kwa re kopaneng le bagodi, mme ra ba abela dikobo, ga mmogo le mae. Ene ya re go tsweng koo, ra leba kwa motseng wa Matlhako, gaufi le Pudimoe kwa re ileng ra abela ba lelapa ntlo, ga mmogo le dilwana tsa mo ntlung.
“Re ile ra dirisana mmogo le ba ditirelo tsa sepodisi (South African Police Service) go ba agela ntlo ya diphaposi di le nne. Re ile ra ba rekela dilwana tsa mo ntlung jaaka furniture. Gape, re ile ra ba rekela ditlhako. Jaaka re bua jaana, re tsweletse go ba rulaganyetsa makwalo a matsalo ga mmogo le makwalo-itshupo gore ba kgone go tshela sentle jaaka mang le mang mo nageng ya rona ya Afrika Borwa,” Maine wa tlhalosa.
Maine are ba ile ba konesetsa porogerama ya bone kwa motseng wa Molelema kwa ba ileng ba neelana ka ditlhako tsa sekolo go baithuti ba ba tswang kwa malapeng a sa itsholelang kwa sekolong se se potlana sa Molelema, ga mmogo le Seleka. Maine are ba ile ba neelana ka mesamelwana ya basetsanyana go baithuti, mme ba neela bagodi dikobo.
“A re tshwaraganeng, mme re ise naga ya Afrika Borwa kwa pele,” Maine wa tlhalosa.
Kgosi Letsie Bonfice Motlhabane are ba ikutlwa ba amogelesegile go bona keteledipele ya puso e ba etetse.
Mongwe wa leloko le le shetsweng ke ntlo, Onkarabile Boitsemang are jaanong le bone ba tlile go nna batho setshabeng ka dithuso tse.
Moemedi wa setlamo sa Sidelegang kwa Ntshwanahatse, Petrus Mosadi are: “Puso e tlile mo go rona go abelana metsotso ele 67 ya ga Mandela. Puso e thusitse bagodi ba rona ka dikobo ka ebile go mariga. Ke leboga botlhe ba ba tshotseng karolo gore porogerama e, e atlege.”