Mapodisi a le mararo kwa Vryburg ba latofadiwa ka go utswa dinku


Ka OBAKENG MAJE

2 Diphalane 2025- Mapodisi a le mararo ba tlhageletse kwa kgotlhatshekelo ya Vryburg mo letsatsing la gompieno morago ga go latofadiwa ka bogodu jwa leruo. Go begwa fa mapodisi a, eleng Sarasanta Difedile Modisaotsile (43), Mosimanegape Mokoena (40) ga mmogo le Constable Lemogang Gaelesiwe (31), ba eleng matseka kwa seteisheneng sa sepodisi sa Vryburg, ba ile ba tshwarwa fa Lwetse a ne a tlhola matsatsi a le 30.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Lieutenant Colonel Sam Tselanyane, morui mongwe wa kwa polasing ya Broedersput, o ile a lemoga fa dinku tsa gagwe di le nne di tlhaela fa a ne a bala leruo la gagwe. Tselanyane are, go begwa fa morui o, a ile a tsamaya go dukuloga polasi ya gagwe, mme o ile a bona motlhala o sa itsiweng wa sejanaga.

“Seo, se ile sa mo rotloetse go ya go lebelela kgatiso ya ditshwantsho tsa motsikinyego (CCTV camera). Go begwa fa a ile a bona sejanaga sa modiro wa Nissan NP300 bakkie se se tshweu se tsamaya-tsamaya mo polasing ya gagwe.

“Dipatlisiso tsa go sale gale tse di dirilweng ke sepodisi, di shupa fa sejanaga seo, ele sa sepodisi. Dipatlisiso di ile tsa bolodiwa ke unit ya sepodisi sa Vryburg K9, Stock Theft and Endangered Species Unit (STES), District and Vryburg Detectives, Vryburg Crime Intelligence and Local Criminal Record Centre (LCRC), mme di ile tsa lebisa kwa motseng wa Dithakwaneng, kwa ntlenyana ga Vryburg,” Tselanyane wa bega.

Tselanyane are sepodisi se ile sa fitlha kwa ntlung nngwe, kwa se fitlhetseng nama ya dinku di le pedi teng. Tselanyane are mmelaelwa wa dingwaga di le 43, eleng Loeto Moncho, o ile a lelelwa ke ditshipi mme a latofadiwa ka go tshola nama ya nku e go belaelwang fa e utswitswe.

“Moncho o ile a tlhagelela ka boripana kwa kgotlhatshekelo ya Vryburg, mme o ile a neelwa beile ya R500. Batlhankela ba, ba sepodisi, le bone ba ile ba tlhagelela ka boripana kwa kgotlhatshekelo, mme ba neelwa beile ya R1000 mongwe le mongwe. Dikgetsi di buseditswe morago go fitlha Ngwanatsele a tlhola matsatsi a le 11,” Tselanyane wa tlhalosa.

Kgabagare, mokomishinara wa sepodisi wa nama o sa tshwere mono Bokone Bophirima, Major General Patrick Asaneng are: “Lephata la sepodisi ga se tulo ya batho ba ba itshwereng makgasa jaaka batlhankela ba ba sepodisi ba ba tshwanetsweng ke gore ba be ba le kwa kgolegelong,” Tselanyane wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com