
Ka OBAKENG MAJE
23 Moranang 2025- Baagi ba kwa motseng wa Sekhing gaufi le Taung, ba tlhalositse fa sepodisi sa kwa Seteisheneng sa Kgomotso ba palelwa k go dira tiro ya bone. Se, se tla morago ga gore go begwe dikgetsi di le tharo tsa petelelo, mem go se tshwaro ope le fa babelaelwa ba itsiwe.
Go ya ka mongwe wa baeteledipele wa baagi, Walter Might, ka di 29 Mopitlwe 2025, lekgarebe la dingwaga di le 20, o ile a betelelwa kwa phaphosing nngwe e e sa dirisiweng kwa ntlung e rekisang nnotagi (tavern) ya ga Piet teng kwa motseng wa Sekhing. Might are lekgarebe le, le ile la utlwiwa ke lekgarebe lengwe le leneng le ile go itlhoma.
“Ene ya re go utlwa motho a gowa, lekgarebe le, le ne la ya go bitsa mong wa tavern. Ene ya re fa mong wa tavern a bula phaphosi eo, o ile a fitlhela mmelaelwa a apotse lekgarebe le, mme a tsweletse go le betelela. Fela, mmelaelwa one a tshaba ka letlhaba-phefo.
“Go begwa fa morago ga metsotso ele lesome, mmelaelwa o ile a boela kwa taverneng. Baagi ba ne ba mo tlhoma dipotso mabapi le tiragalo e. Fela, go begwa fa mmelaelwa ile a tlhalosa fa le ene a sa itse gore one a tsenwe ke eng. Baagi ba ile ba mo tshosetsa ka go bitsa sepodisi,” Might wa tlhalosa.
Might are baagi, motswasetlhabelo ga mmogo le mmelaelwa, ba ile ba leba kwa bookelong jwa Baga-Mothibi Community Healthcare Centre kwa Sekhing. Might are sepodisi se ile sa ikgorotsha, mme mmelaelwa o ile a kaya fa ele nnete gore o beteletse motswasetlhaelo.
“Fela go begwa fa a ile a tlhalosa fa a dirile seo ntle le maikaelelo. Sepodisi se ile sa bitsa batsadi ba mmelaelwa ga mmogo le ba motswasetlhabelo. Go begwa fa motlhankela mongwe wa sepodisi a ile a laela motswasetlhabelo gore a seka a bula kgetsi ya petelelo pele kgatlhanong le mmelaelwa, mme a tlogele malapa a le mabedi a tsene mo di therisanong.
“Go begwa fa motswasetlhabelo a ile a seka a kgotsofalele dipuisano, mme a ya go bula kgetsi ka letsatsi la Moshupulogo. Go ya ka motswasetlhabelo, ga rata se motlhankedi wa sepodisi a se buileng,” Might wa tlhalosa.
Might are o ile ka amogela mogala go ba lelapa, mme ba kopa gore a ba thuse ka go bula kgetsi. Might are ba ile ba bitsa kopano letsatsi le le latelang, gonne baagi ba ne ba batla go itseela molao mo matsogong.
“Motswasetlhabelo le ene one a le teng kwa kopanong, mme a bolelela baagi gore go diragetseng. One a tlhalosa fa a butse kgetsi, fela a sa newa nomoro ya kgetsi. Ke ile ka letsetsa sepodisi ke botsa gore go baneng motswasetlhabelo a sa newa nomoro ya kgetsi.
“Sepodisi se ile sa ntsenya dikgoro tsotlhe, mme ke ile ka letsetsa motsamaisi wa Seteisheng (Station Commander). Se se utlwisang botlhoko ke gore, mmelaelwa one a tsamaya mo mebileng jaaka a rata, mme seo se ne se tsenya letshogo go motswasetlhabelo,” Might wa tlhalosa.
Might are morago ga metsotso ele lesome a buile le motsamaisi wa Seteisheng, sepodisi se ile sa mo letsetsa, mme ba mo neela nomoro ya kgetsi. Might are gape, ba ile ba tshepisa gore ba tlile go tshwara mmelaelwa.
“Fela go fitlha ga jaana, mmelaelwa ga ise a tshwarwe. Mo letsatsing la maabane, ke ile ka leba kwa seteisheneg sa sepodisi sa Pudimoe, gonne re tlhaloseditswe fa dikgetsi tsa dipetelelo di dirwa ke sepodisi sa koo.
“Ka maswabi, ke ile ka fitlhela gotwe batlhankedi ba ba dirang ka dikgetsi tsa dipetelelo ba setse ba tsamaile. Ke ile ka ba letsetsa, mme ba tlhalosa gore ba amogetse mogala go tswa kwa kantorong ya mokhuduthamaga wa Tshireletsego Ya Baagi ga mmogo le Tsamaiso Ya Dipalangwa, Wessels Morweng,” Might wa tlhalosa.
Might are ba ile ba tlhalosa fa ba tlile go ya go tshwara mmelaelwa mo letsatsing la gompieno kgotsa kamoso. Are o ile a kopa gore fa sepodisi se ya go tshwara mmelaelwa ba mo itsise, gonne ga ba tlhole ba na le tshepo mo sepodising jaaka baagi.
“Ba bontshitse gore ba dira tiro ya bone fela fa ba ba kwa godimo ba ba laela jalo. Ka di 26 Mopitlwe 2025, go ile ga betelelwa lekgarebe (27), le le sa itekanelang mo tlhaloganyong.
“Go begwa fa banna ba le babedi ba ba neng ba tsamaya le lekgarebe le, ba ile ba mo tsaya kwa gagabo, mme ba leba kwa motseng wa Itireleng le ene, ntle le go itsise ba lelapa la gagwe. Fela pele ga moo, ba ile ba tsamaya le ne go ya kwa lebenkeleng teng kwa Sekhing,” Might wa tlhalosa.
Might are go begwa fa ba ile ba dula kwa lebenkeleng pele ga b aka tsamaya le lekgarebe le go ya kwa Itireleng. Are lebnkele leo le na le dikhemera tse di gatisang ditshwantsho tsa motsikinyego.
“Jaanong, nako e yotlhe e ba ile ba e dula kwa lebenkeleng leo ga mmogo le lekgarebe le, e ile ya gatisiwa. Ba ile ba tsamaya bosigo botlhe kwa Itireleng, mme ba lelapa la lekgarebe le, ba ile ba lemoga gore ga ayo fa nako ya go nwa dipilisi e fitlhile.
“Banna ba, ba ile bowa letsatsi le le latelang le lekgarebe le. Fela ba lelapa la gagwe ba ile ba mo lemoga gore ona le madi mo bosading jwa gagwe. Ba ile ba mo isa kwa bookelong, mme ngaka e ile ya netefatsa fa a beteletswe,” Might wa tlhalosa.
Might are lekgarebe le, le ile la isiwa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung go ya go mo tsaya disampole. Are kgetsi e ile ya bulwa, fela sepodisi se tlhalositse fa se se kitla se tshwara babelaelwa pele, gonne lekgarebe le le sa itikanela mo tlhaloganyong.
“Sepodisi se tlhalositse fa se tshwanetse go kopantsha lekgarebe le, le ngaka ya tlhaloganyo pele ga b aka tshwara babelaelwa. Sepodisi se ile sa goga dinao, mme jaaka baagi, re ile ra latela babelaelwa le go ba tlhoma dipotso.
“Ba ile ba tlhalosa fa ele nnete ba beteletse lekgarebe le, le go mo gogisa matokwane. Jaaka re bua le wena jaana, makawana ao ga ise a tshwarwe,” Might wa tlhalosa.
Are ka di 17 Moranang 2025, mosimanyana wa dingwaga di le 17 wa kwa motseng wa Seoding o ile a betelelwa. Go k aka Might, tiragalo e, ke ya di 17 Moranang 2025.
“Go begwa fa motswasetlhabelo a ne a tsamaya le tsala ya gagwe go ya kwa lebenkeleng bosigo. Go begwa fa tsala ya gagwe e ne ya tsena kwa lebenkeleng, mme ene a sala kwa ntle. Go begwa fa motswasetlhabelo, a ile a kgorogelwa ke monna mongwe o a mo itseng, mme a mo ntshetsa thipa.
“Go begwa fa mmelaelwa a ile a tsaya motswasetlhabelo go ya kwa nageng kwa a ileng a mo betelela gone. Go begwa fa a ile a mo laela gore a apole fa ba fitlha kwa nageng, fela motswasetlhabelo a gana,” Might wa tlhalosa.
Might are mmelaelwa one a tshosetsa motswasetlhabelo gore o tla mo lobela dintshi fa gana go apola. Might are motswasetlhabelo o ile a apola.
“Mmelaelwa one a iphanya ka ene, mme a boa a mo tshosetsa ka polao fa a ka bua. Go begwa motswasetlhabelo a ne a boela gaabo, mme o ile a lotlegela batsadi ba gagwe ka se se mo tlhagetseng mo letsatsing le le latelang.
“Motswasetlhabaelo one a sa kgone le go apara borokgwe kgotsa go tsamaya sentle ka ntlheng ya manokonoko a petelelo. Go begwa fa a ne a dula a apere towel, mme a ga kgone le go dula sentle ka ntlheng ya dikgobalo,” Might wa tlhalosa.
Are o ile amogela mogala go ba lelapa, mme ba mo tlhalosetsa ka se se tlhagetseng ngwana wa bone. Might are o ile a makala thata fa a utlwa kgaitsadie motswasetlhabelo a mo bolelela gore batlhankedi ba sepodisi ba ile ba mo laela gore a ye go sheba aterese ya kwa gaabo mmmelaelwa.
“Re ile ra leba kwa seteisheneng sa Kgomotso, mme ra fitlhela motlhankedi wa sepodisi a le mongwe fela. Re ile ra tlhalosa gore re ile koo mabapi le eng. Motlhankedi o wa sepodisi, o ile a letsetsa mokaptein wa gagwe.
“Re ne ra mo tlhalosetsa mo mogaleng gore sepodisi ga se dire sepe mabapi le dikgetsi tsa petelelo, gonne e ke kgetsi ya boraro. Re ile ra mo tlhalosetsa gore fa sepodisi se sa dire sepe, dipetelelo di tlile go ata,” Might wa tlhalosa.
Might are gape, ba ile ba botsa gore go baneng sepodisi se raya kgaitsadie motswasetlhabelo gore a ye go sheba aterese ya kwa gaabo mmelaelwa, gonne seo se ka ba baya ka fa mosing. Might are ba ile ba ba lemotsha fa sepodisi fa se palelwa ke go ba thusa jaaka baagi.
“Gape re ile ra tlhalosa fa baagi ba ja ditlhare ka meno, mme ba tlhalositse fa ba ka tshwara babelaelwa ba dikgetsi tse tsa petelelo, ba tlile go lela selo mo ganong. Re ile ra bolelelwa gore re kopane le motlhankedi wa sepodisi kwa tseleng.
“Re ile ra tsamaya le motlhankedi o wa sepodisi go ya go tshwara mmelaelwa. Jaanong, re emetse gore sepodisi se tshware babelaelwa ba bangwe gape,” Might wa tlhalosa.
Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Mokaptein Mpho Manyoba are dipaltisiso mo kgetsing e, di tsweletse.