Mosadi o tlhabile ngwana wa gagwe ka thipa morago ga gore a fitlhele a jele dijo tsa gagwe tse a neng a di ipeetse 


Ka OBAKENG MAJE 

Mosadi wa dingwaga di le 48, o atlholetswe dingwaga di le supa kwa kgolegelong ke kgotlhatshekelo ya sedika ya Fraserburg. Fela, dingwaga tseo di ile tsa beelwa kwa thoko sebaka sa dingwaga di le tlhano. 

Seno se tla morago ga gore ngwana wa gagwe wa mosetsanyana a je dijo tsa gagwe tse a neng a di ipeetse. Sebueledi sa sepodisi kwa Kapa Bokone, Sergeant Timothy Sam are, Sielja Konstabel, one a tlhaba morwadie ka thipa mo legetleng, mme tiragalo e ke ya di 21 Phatwe 2021. 

“Go begwa fa mosetsanyana o, ane a sia le go ya go lotlegela sepodisi ka tiragalo e e mo tlhagetseng. Kgetsi ya go teketa ka maikaelelo a go ntsha dikgobalo, ene ya bulwa. Mosadi o, one a tshwara. 

“One a bonwa molato, mme a atlholwa dingwaga di le supa. Fela di ile tsa beelwa kwa thoko sebaka sa dingwaga di le tlhano, mme ga tshwanelwa ke go bonwa molato mo sebakeng sa dingwaga di le tlhano mo ditatofatsong tse di tshwanang le tse,” Sam wa tlhalosa. 

O kaile fa kgotlhatshekelo e laetse fa Konstabel a se mo maemong a go tshwara tlhobolo.

Kgabagare, mokomishinara wa sepodisi kwa Kapa Bokone, Lieutenant General Koliswa Otola, one a akgola mmatlisisi mo kgetsi e, Detective Warrant Officer Charl Blignaut. Otola o tlhalositse fa Blignaut a dirile ka natla le go netefatsa fa ditshwanelo tsa bana di sa gatakakiwe. 

“Katlholo e tla dibeke pele ga beke ya go keteka ditshwanelo tsa bana (Child Protection Week) ka di 28 Motsheganong go fitlha ka di 4 Seetebosigo 2024,” Otola wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com