A mmelaelwa Neo Tsoaeli wa tshela kgotsa jang?  


Ka KEDIONE MOLAETSI 

3 Tlhakole 2025- Sepodisi sa Afrika Borwa mo Bokone Bophirima, se kaile fa se se kitla se tswelela go tshwaela mo magatweng a gore mmelaelwa mogolo mo kgetsing ya go epa go se mo molaong kwa moepong wa Stilfontein, Neo James Tsoaeli, yo gape a itsegeng ka leina la Tiger o tlhokofetse kana nnya. 

Tsoaeli yo go begwang fa ele moagi wa kwa nageng ya Lesotho, o ile a ngwega ka motsi wa fa baepi ba ba seng mo molaong fa ba ne ba ntshiwa kwa tlase lefatshe kwa Stilfontein. Go ya ka dipego, Tsoaeli o thusitswe go ngwega. Seo se ile sa lebisa kwa go tshwarweng ga Warrant Officer Jack Motlhabya (37), Warrant Officer Menzi  Shabalala (38), Sergeant Ntutuko Dladla (40), ga mmogo le Sergeant Samkelo Mbotho (38). 

Bone jo, bo lebagane le ditatofatso tsa go tsietsa molao. 

Sebueledi sa sepodisi bosetshaba, Brigadier Athlenda Mathe wa tlhalosa: “Ka nako e re neng re amogela dipego tsa gore Tsoaeli o ngwegile, mokomishinara wa sepodisi wa bosetshaba, General Fannie Masemola, o ile a laela mokomishinara wa nama o sa tshwere mo Bokone Bophirima, Major General Patrick Asaneng, go ka tlhoma setlhopa sa babatlisise se se kwenneng go ka batlisisa morero o. 

“Jaanong, go fitlha ga jaana, go setse go tshwerwe mapodisi a le mane. Ga nkitla re opela pele moropa o lela, gonne seo se tla re tlogela ka fa mosing. Dipatlisiso di tla re bolelela gore go diragetseng, mme maitlhomo a rona ke go batlisisa gore Tsoaeli o kae.” 

Mathe are ba solofela go ka fitlhelela bonnete jwa kgang morago ga go tshwara mapodisi a le mane. Are go fitlha ga jaana, Masemola o itumeletse ka mokgwa o dipatlisiso di tsamayang ka teng. 

“O tla gopola gore morero o, o kwa kgotlhatshekelo, jaanong ga nkitla re tshwaela go ya kwa pele,” Mathew a tlhalosa. 

Kgabagare, modula-setilo wa komiti e e etseng tlhoko lefapha la Tshireletsego ya Baagi le Dipalangwa kwa Kgotlha-theo molao wa mono Bokone Bophirima, Freddy Sonakile are, ba amogela go tshwarwa ga mapodisi ao. Sonakile are le fa go tshwarwa ga mapodisi ao ele sengwe se se tla ba isang kwa nneteng ya gore Tsoaeli o ngwegile jang, go sentse go le go ntsi go go tla dirwang. 

“Re batla molao o dire, mme re ikuela go lephata la bosekisi (National Prosecuting Authority) go ka netefatsa fa mapodisi ao a lebagana le melato e mengwe gape. Jaaka komiti, ga re kitla re letlelela boitaolo jo bo diragalang,” Sonakile wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com