
Ka OBAKENG MAJE
Motshameko wa mantshano magareng ga setlhopa sa kgwele ya dinao sa Mogopela Wonderous FC ya mono Taung, kgatlhanong le setlhopa sa Nkamodira FC sa kwa Vryburg, o tlile go tshamekelwa kwa Ganyesa Astro Turf kwa Ganyesa mo letsatsing la gompieno.
Motshameko o wa mantshano, ke wa poeletso morago ga gore o emisiwe kwa lebaleng la metshameko la Ipelegeng, gaufi le Schweizer Reneke, mo dibekeng tse pedi tse di fetileng. Seno se tlile morago ga gore go tsoge tlhatlharuane magareng ga ditlhopa tse, mme molatedi wa Mogopela Wonderous FC one a tlhabiwa ka thipa ke mongwe o go belaelwang ele molatedi wa setlhopa sa Nkamodira FC.
Bakatisi ba setlhopa sa Mogopela Wonderous FC, ba ne ba ipelaetsa le go latofatsa moletsaphala gore o ikaba ka letlhakuri morago ga go neela setlhopa sa Nkamodira FC penalty. Fela, motshameki wa Nkamodira FC, one a fosa penalty eo.
Ene ya re morago ga metsotsonyana, setlhopa sa Nkamodira FC sene sa nosa. Fela, ene ya re go setse metsotso e se kae pele ga motshameko o ya bokhutlhong, bakatisi ga mmogo le balatedi ba setlhopa sa Mogopela Wonderous FC, bane ba itelekela mo lebaleng, mme seo sene sa lebisa kwa go emisweng ga motshameko.
Jaanong, SAFA mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, ene ya laela gore motshameko o, o boelediwe mme o tla tshamikiwa ntle le balatedi. Setlhopa se se fenyang magareng ga Nkamodira FC le Mogopela FC, se tlile go leba kwa metshamekong ya mantshano ya porofense go rakana le ditlhopa tse dingwe go tswa di dikeng tse difarologaneng mo porofenseng.
Setlhopa se se tla fenya, se tlile go fetela kwa leking ya ABC Motsepe.
taungdailynews@gmail.com