
Ka OBAKENG MAJE
Motsamaisi wa Omolemo M Funeral Services, Tlhomelang Monare are, o tshwere go nkga, morago ga gore modiri wa gagwe wa maloba, Kgakololo Koji, a iphetole podile mo dinkong tsa gagwe. Monare are Koji o tsweletse go tsietsa bagolo ba ba nang le dipholisi (funeral insurance) kwa go ene, le go ruga madi a bone ka bokukuntshwane.
Seno se tla morago ga gore bangwe ba batho ba ba nang le pholisi (funeral insurance) kwa go ene, ba kae fa ba ntse ba romela madi kwa akhauntong ya banka ya Capitec, e go begwang ele ya ga Koji. Monare are mo letsatsing la maabane, go gorogile baagi ba kwa motseng wa Tlapeng 2 mono Taung, mme ba tlhalosa fa ba tlhokafaletswe ke mme motsadi.
“Mo nakong e e fetileng, ke ne ke na le modiri, mme ene ke Kgakololo Koji go tswa kwa motseng wa Manokwane. One a dira jaaka mokgweetsi mo setlamong same. Fela, Koji one a na le tetla ya go tsena mo kantorong le go thusa bagolo ka dithulaganyo tsa diphitlho.
“Bagolo ba, ba ile ba nteletsa morago ga gore ba bue le Koji yo go begwang fa a ba reile are o tla latela moswi ka Mosupulogo, gonne re sa dire ka letsatsi la Tshipi. Tota go bua nnete, ke ne ke sa itse gore Koji o bua ka eng. Fela, ke ne ka ya kwa Vryburg go ya go thusa bagolo ba,” Monare wa tlhalosa.
Monare are mme se a batlang go se gatelela ke gore, Omolemo M Funeral Services, ga e dirise akhaunto ya Capitec, mme e dirisa ya FNB. Are jaanong, Koji o iphetotse motlhagisi wa tsa matlole yo o seng mo molao, ebile o boleletse bagolo gore ba romele madi mo go ene.
“Mo nakong e e fetileng, re hitlhile mongwe o a neng ana le pholisi le rona ka madi a kanang ka R18 000, mme le ene one a ntse a tsiediwa ke Koji gore a romele madi mo akhautong ya gagwe. Koji o tswile mo setlamong sa rona morago ga bogwenegwene jwa go itira motlhagise wa matlole o o seng mo molaong.
“Jaanong, ke ikuela go batho botlhe ba ba nang le dipholisi le rona gore ba se tlhole ba romela madi kwa akhauntong ya Capitec, gonne mmoshara wa rona o dirisa akhaunto ya FNB. Ga jaana, re tlile go leba kwa sepodising le go bula kgetsi ya bogwenegwene kgatlhanong le Koji,” Monare wa tlhalosa.
Matshidiso Mcephe yo eleng ngwana wa moswi, Beauty Mcephe are: “Re tlile fa, gonne rena le pholisi le Omolemo M Funerals. Re tlhokafaletswe ke motswadi, mme re tlile mo go Monare gore a tle go re bolokela, fela jaaka a ntse a dira mo nakong e e fetileng.
“Rena le nakonyana e telele re ikwadisitse mo go ene, ebile re ratile tiro ya gagwe. Re nnile pudi matseba ka letsatsi la Tshipi fa re leletsa dinomoro tse re tlwaetseng go di dirisa go tsenya madi mo go tsone. Re ne re letsa jaana re mo itsise ka go tlhokafala ga motsadi wa rona, mme re kopa thuso ka gore a latelwa kwa Joe Morolong Memorial Hospital kwa Vryburg.”
Mcephe are fela motho o a ne a bua le ene, one a mo tlhalosetsa fa a tla latela setopo mo letsatsing le le latelang, mme dishuga tsa seo di tla tswa mo go bone. Mcephe are fela seo se ile sa mo belaetsa, gonne ba ntse ba sa diriwe dilo tseo.
“Seo se ile sa tlisa dipelaelo, mme ka mo botsa gore ke mang. Motho o, one a tlhalosa fa ele Koji, mme kene ka batla dinomoro tsa mogala tsa ga Monare le go mo lotlegela mathata a rona. Monare one a makala thata, mme one a re tlhalosetsa fa a tla.
“Se re se itumelelang ke gore, Monare o re direla tiro le fa ntse re sa duele ene, mme madi a rona a rugiwa ke Koji. Monare one a re tlhalosetsa fa mmoshara wa gagwe o sa dirise akhaunto ya Capitec, mme ba dirisa ya FNB,” Mcephe wa tlhalosa.
Kgabagare, Koji ene one a gana nnya ya banyana, mme a tlhalosa fa a ne a neela Mcephe dinomoro tsa motho o maleba kwa kantorong ya Omolemo M Funeral Services.
“Se ke tla go setotobaletsang ke gore, bonnete bone ba nteleditse mogala ka letsatsi la Tshipi, fela ke ile ka ba romelela dinomoro tsa mogala tsa motho o dirang kwa kantorong ya Omolemo M Funeral Services gore ba mo letsetse le go dira dithulaganyo.
“Ga ke tlhole ke le modiri wa Omolemo M Funeral Services, jaanong ke ka moo ke ba neileng dinomoro tsa motho o dirang teng. Ga ke bone gore o le motho o itlhaloganya, o ka dira dithulaganyo tsa Mosupulogo, mme e be ere ka Labobedi ebe ele gone o buwang le nna,” Koji wa tlhalosa.
Koji are fa gone gona le tumalano, ba kabe ba buile le ene ka Mosupulogo. Koji are a ka se netefatse magatwe a gore kgale ba romela madi mo akhauntong ya gagwe ya banka ele nnete, gonne ga a na App e e shupang fa madi a ntse a tsene.
“Fa ele gore gontse jalo, ga kena bothata jwa go ya kwa bankeng go ya go ntsha boshupi, mme ke lebelele se ba ntatofatsang ka sone. Ke nnete gore kgale ba romela madi fa ke ne ke ntse ke dira kwa Omolemo M Funeral Services, mme fa e sale ke tlogela tiro, ganke ke bua le bone,” Koji wa tlhalosa.