Mosimanyana, Boitshepo Mphindwa o tlhokafaletse kwa mophatong kwa Takaneng


Setshwantsho-papiso: Mosimane o tlhokafaletse kwa mophatong

Ka Obakeng Maje

Mosimanyana was dingwaga di le 19 o tlhokafaletse kwa mophatong kwa motseng wa Takaneng, gaufi le Taung mo letsatsing la maabane. Go begwa fa Boitshepo Mphindwa ane awa fela, mme one a itlhagenisediwa kwa bookelo jwa sedika jwa Taung.

Go begwa fa Mphindwa a tlhokafaletse kwa mophatong wa ga Lekgetho kwa motseng wa Takaneng, eseng kwa Mokgareng jaaka gone go begilwe.

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are: “Lekawana leo lene la itlhagisenediwa kwa bookelong, mme gone ga begwa fa a setse a tlhokafetse.

“Dipatlisiso tsa morago ga loso di butswe.”

taungdailynews@gmail.com