Mosadi wa kwa Matolong o tlhokafetse morago ga go thulwa ke sejanaga mo tseleng ya N18


Ka OBAKENG MAJE

5 Diphalane 2025- Mosadi wa dingwaga di le 28, wa kwa motseng wa Matolong mono Taung, o tlhokafetse morago ga go thulwa ke sejanaga mo bosigong jwa Labotlhano. Go begwa fa mosadi o, a ne a kgabaganya tsela-kgolo ya N18 fa a tla thulwa ke sejanaga gaufi le Taung Hotel School and Convention Centre.

Go ya ka ba ba boneng ka matlho, mosadi o, o ile a thulwa ke sejanaga, mme sejanaga se sengwe sa modiro wa Audio le sone se ile sa mo gata mo godimo ga mmogo le van le sejanaga sa modiro wa Polo. Go begwa fa ditolokolo tsa gagwe tsa mmele, di ile tsa gasamana le mmila.

Sebueledi sa sepodisi mo porofenseng ya Bokone Bophirima, Lieutenant Colonel Sam Tselanyane are: “Sepodisi sa itse ka kotsi e, mme go kaiwa fa moswi a ne a leka go kgabaganya tsela-kgolo ya N18, fa a ka thulwa ke sejanaga. Ba lelapa la gagwe ba ile ba mo shupa kwa lefelong la tiragalo.

“Ga go belaelwe fa tiragalo e, e ka tswa e le ya ka bomo. Ga gona ope o tshwerweng, mme go butswe kgetsi ya polao ntle le maikaelelo.”

taungdailynews@gmail.com