Sekolo sa kwa Sebitloane se dirisa metsameko e farologaneng go ruta baithuti go bala le go kwala  


Ka OBAKENG MAJE 

Motaki wa kwa motseng wa Molelema mono Taung, Tebogo John Tlhabanelo are o rotloetsa dikolo ka go farologana ka go direla baithuti metshameko e farologaneng ya setso (indegineous games). Tlhabanelo o buile seno kwa Sebitloane Special School, kwa aneng a thapilwe teng go ka tla go thalela baithuti ba koo metsameko e farologaneng jaaka Chess, Ludo, Morabaraba ga mmogo le Snakes and Ladder. 

“Fa e sale ke tshimolola go nna motaki go tloga ka ngwaga wa 1994. Ke ithutetse dithuto tsa botaki kwa Mmabana Taung. Morago ga moo, ke ile ka nna morutabana le modiri teng kwa setheong seo. Ke tswile kwa Mmabana ka 2004, mme ka simolola go penta diaparo le go dira jaaka motaki. 

“Ke ile ka go bapatsa tiro yame kwa ditulong dile dintsi thata, go akaretsa Botswana Exhibition. Mme go fitlha ga jaana, ke motaki o duelwang (commercial artist), mme mo Sebitloane ke tlile go dira metshameko e farologaneng. Sekolo se ile sa nkopa go tla go direla baithuti sengwe se se tla ba tswelang mosola mo ikatisong le mo dithutong tsa bona,” Tlhabanelo wa tlhalosa.

Tlhabanelo are metshameko e ntsha baithut mo dilong tse di sa siamang. Gape are, metshameko e thusa baithuti go aga botsalano jo bo siameng le go arogana bokgoni jwa serutwa sa dipalo le go dirisana mmogo.

“Botaki ke tiro e e batlang lorato, gonne le batsadi ba ka ba ne ba nraya ba re ga ba tlhaloganye mofuta o wa tiro e ke e dirang. Fela ka ntlha ya lorato la botaki, ga se nke ke fele pelo gonne ga ese ke tsamaye ke nne le kgatlhego mo ditiro dipe ntle le botaki. 

“Kgwetlho kgolo e re lebaganeng le yone jaaka bataki ke tshegetso e e bokoa go tswa go setshaba sa rona sa rantsho. Go le gantsi basweu ke bona ba rekang botaki kana art go tswa mo go rona fa o bapisa le bantsho,” Tlhabanelo wa tlhalosa. 

Kgabagare, motlatsa-mogokgo kwa Sebitloane Special School, Bointlafatso More-Thedi are: “O tla gopola gore sekolo sa rona ke se se nang le bana ba ba nang le bogole ka go farologana. Gore ngwana a tle mo sekolong sa rona, o tshwanetse gore a be a na le bokoa jo bo rileng. Mme ngwana owa, o tla fetisiwa mo ditekong tse di farologaneng pele ga a ka amogelwa mo sekolong. 

“Fela bana fa ba le mo sekolong, ga ba dule fela gonne gona le dithuto tse ba di dirang, ga mmogo le go neelwa kitso e farologaneng. Rena le metshameko mo sekolong jaaka lo itse gore sekolo sa rona se ile sa fenya sejana kwa Germany mo dikgaisanong tsa lefatshe fa ba ne ba emetse naga ya Afrika Borwa.” 

More-Thedi are sekolo sa bona se ipela ka metshameko, gonne baithuti ba bone, ga bana kgotlhelelo ya go bala dibuka. Fela More-Thedi are metshameko e farologaneng e ba ruta go bala le go kwala. 

“Metshameko e, e thusa bana go nna le botsalano jo bo edileng le bana ba bangwe, mme fa gona le ngwana mongwe o kgerisang ba bangwe, re kgona go mo lemoga ka bonako, mme re mo batlele thuso. 

“Rena le mooki, modiri wa katlatlelo-loago ga mmogo le badiri ba ba farologaneng ba banang le thupelelo e tseneletseng go ka thusa bana ba,” More-Thedi wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com