
Ka REGINALD KANYANE
Monna wa dingwaga di le 47 o solofetswe go ka dira kopo ya beile kwa kgotlha-tshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Kabelo Mogongwa one a tshwanetswe ke go tlhagelela kwa kgotlha-tshekelo mo letsatsing la maabane, fela kopo eo ya beile e ile ya shotisetswa go letsatsi la gompieno.
Go begwa fa Mogongwa a ile a tshwarwa morago ga dipego tsa gore o thuntsitse lekgarebe la gagwe, Tsholofelo Nde Emphukile (38).
Go begwa fa lekawana le, le lekgarebe la gagwe ba ne ba dula botlhe kwa phaphosing e e hirilweng kwa motseng Khibitswane, gaufi le Taung.
Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Mokaptein Aaftje Botma, moagisani wa monna o, o ile a tlhalosetsa sepodisi fa baratani ba, ba gorogile ka ura ya bongwe mo mosong, mme go ile ga tsoga kgakgauthano ma gareng ga bone.
“O kaile fa a utlwile modumo wa sethunya. Sepodisi se ile sa biletswa kwa lefelong la tiragalo, mme se ile sa fitlhela moswi mogare ga bophadiphadi jwa madi.
“Sepodisi se ile sa tlhoka gore ba shage burglars gore ba kgone go tsena mo ntlung. Molatofadiwa o ile a tshwarwa, mme one a ganelwa ka beile,” Botma wa tlaholsa.
Kgabagare, sebueledi sa lelapa la moswi, Medupe Emphukile are: “Re utlwisitswe botlhoko ke tiragalo e, mme ga ke itse gore a kgolagano ya moswi le molatofadiwa kgale e na le mathata. Kgale ba dula ba le babedi kwa Khibitswane, mme Tsholofelo ene kgale a tla fela fa etile kwa lapeng kwa Cokonyane.”