Monna o tshwerwe mabapi le ditatofatso tsa petelelo le polao


Ka OBAKENG MAJE

30 Phukwi 2025- Monna wa dingwaga di le 26 o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Ganyesa mo letsatsing la kamoso mabapi le ditatofatso tsa polao. Se, se tla morago ga ditatofatso tsa gore mosetsanyana wa dingwaga di le 6, Bokao Gaseimelwe,a betelelwe le go bolawa kwa motseng wa Tseoge, gaufi le Ganyesa ka 28 Phukwi 2025.

Go begwa fa moswi a ne a tsamaya le mmagwe ka Lamatlhatso fa sejanaga se ba neng ba se palame se ema kwa ntlung e rekisang nnotagi.

Sebueledi sa sepodisi mo porofenseng ya Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are go begwa fa mmagwe ngwana a ile a lemoga fa mosetsanyana o a seo, mme ba tshimolola go batlana le ene. Mokgwabone are tiragalo e ke ya bosigo jwa 28 Phukwi 2025.

 “Se, se bontsha fa go nnile le itlhokomoloso ya ngwana, mme sepodisi se tlile go samagana le kgetsi eo. Re ikuela go baagi go se itseele molao mo matsogo, mme mmelaelwa ene o tshwerwe ka Labobedi.

“O lebagane le tatofatso ya petelelo le polao. O tlile go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Ganyesa mo letsatsing la kamoso. Dipatlisiso di a tswelela,” Mokgwabone wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com