Monna o thuntsitswe le go bolawa kwa Morokweng


Ka OBAKENG MAJE

20 Ferikgong 2025- Monna wa dingwaga di le 22, wa kwa motseng wa Morokweng, gaufi le Ganyesa, o thuntsitswe le go bolawa ke banna bangwe ba ba sa itsiweng. Go begwa fa tiragalo e, e diragetse ka masa a letsatsi la Tshipi (19 Ferikgong 2025).

Go ya ka dipego, go bonwe sejanaga sa VW Polo sa mmala o motala wa loapi ka nomoro plata ya porofense ya Gauteng, se se neng se kaila-kaila gaufi le legae la moswi eleng Tumelo Seokame. Go begwa fa ka nako eo, Seokame one a le kwa lefelong la boiketlo ga mmogo le lekgarebe la gagwe.

Go begwa fa Seokame ane a tsamaya le lekgarebe la gagwe go ya go robala. Go ya ka dipego, banna ba, ba ile ba ya go mo batla kwa gagabo, mme ba motlhoka.

Fela go begwa fa Seokame ya re a sentse a itheeditse kwa lelapeng la kgarebe ya gagwe, banna ba le bane ba ba sa itsiweng ba ne ba itelekela teng koo, mme ba kopa thuso mabapi le sejanaga sa bone se seneng se ba fa mathata.

Go begwa fa seo, ene ele tsela ya bone ya go gogela Seokame kwa ntle gore ba kgone go mo tlhasela. Go begwa fa lekgarebe la ga Seokame le ne la utlwa sethunya se gelebetega kwa ntle, mme moraganyana, one a bona Seokame oneng a phukga-phukga madi a tla a taboga le go siela mo ntlung.

Go ya ka dipego, Seokame one a laela lekgarebe la gagwe go le botsa phokoje fa ene a ne a leka go thiba setswalo. Go begwa fa lekgarebe la gagwe le ile la betsega ka letlhaba-phefo, fela one a kopana le mongwe wa banna ba kwa ntle.

Go begwa fa ka lesego, monna owa a sa montsha dikgobalo. Go begwa fa mongwe wa banna ba, a ile a tswelela ka go raga setswalo, mme one a tsena le go thuntsa Seokame makgetlho a le supa.

Go ya ka dipego, Seokame o thuntsitswe mo tlhogong makgetlho ale mabedi, gangwe mo letsogong, le mo mokwatla. Bathuso ya potlako ba ne ba bidiwa le go netefatsa fa Seokame a ragile kika kwa lefelong la tiragalo.

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi kwa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are: “Ke nnete kgetsi ya polao e butswe, fela ga nkitla re tsena mo diteng tsa kgetsi. Dipatlisiso mo kgetsing e di tsweletse.”

taungdailynews@gmail.com