Monna o atlholetse dingwaga di le 10 kwa kgolegelong mabapi le polao


Ka BAKANG MOKOTO

24 Ngwanatsele 2025- Monna o atlholetswe dingwaga di le 10 kwa kgolegelong ke kgotlhatshekelo ya sedika ya Namakwa mabapi le polao. Go begwa tiragalo e, e diragetse fa kgwedi ya Moranang e tlhola matsatsi a le 6 ka ngwaga wa 2024.

Sebueledi sa sepodisi sa kwa Namakwa, mokaptein Ivan Magerman are go begwa fa molatofadiwa, Dominic “Dompas” Jansen (27), a ne a dula le motswasetlhabelo. Magerman are go begwa fa go ile ga runya ntwa magareng ga motswasetlhabelo le Jansen yo o neng a iphantse ka nnotagi go utlwa.

“Jansen o ile a ntsha motswasetlhabelo dikgobalo tse di masisi, mme a leka go tshaba ka sejanaga sa motswa-setlhabelo morago ga moo. Go begwa fa sejanaga seo, se ile sa menoga, mme Jansen a tshwarwa ke sepodisi gone ka nako eo.

“Go begwa fa motswa-setlhabelo a ile a amogelwa kwa bookelong go bona kalafi, fela o ile a tlhokafala morago ga matsatsi a le robedi ka ntlha ya dikgobalo. Mmatlisisi wa kgetsi eleng Warrant Officer Elton Klein go tswa kwa Sutherland Detective Branch, o ile a akgolwa mabapi le manontlhotlho a a dirisitseng go batlisisa kgetsi,” Magerman wa tlhalosa.

Magerman are tirisano-mmogo magareng ga mmatlisisi wa kgetsi, Klein le mosekisi, Darryl Bromkamp, e ile ya dira gore molatofadiwa a bone katlholo, mme seo se tlisitse bosiamisi go ba lelapa la motswa-setlhabelo. Magerman are molatofadiwa o ile a kaiwa fa a sa siamela go ka tshola tlhobolo.

taungdailynews@gmail.com