Morui wa kwa Ranstad o latofatsa sepodisi ka go goga dinao morago ga gore a utswetswe dikgomo 


Ka OBAKENG MAJE 

Mongwe wa barui ba mono Taung o latofatsa sepodisi ka go goga dinao mo dipatlisisong tsa bone mabapi le bogodu jwa leruo. Lucas Koji wa kwa Ranstad are o na le dikgwedi di feta nne a butse kgetsi ya bogodu jwa leruo, mme o sentse a beile letsogo mo phatlheng, gonne go sena tswelelo-pele mo dipatlisisong tseo.  

“Ke utlwile dintjha di bogola ka ura ya bobedi fa masigo a sa, mme go bontsha fa ele gone fa dikgomo tsame di ne di utswiwa. Ene ya re metsotso ele masome a le mararo morago ga ura ya boraro mo mosong, ke ne ka tsoga le go ya go lekola dikgomo. 

“Ka maswabi, ke ile ka fitlhela lesaka le butswe kwa morago. Mme re ile ra tswa letsholo go batlana le dikgomo tseo. Ke ile ka feleletsa ke letseditse nnake gore a tle go nthusa go batla. Fa re ntse re batla, re utlwile kgomo e lela,” Koji wa tlhalosa. 

Koji are ba ne ba ya kwa modumo wa kgomo o tswang teng gaufi le molapo. Are ba ile ba fitlhela kgomo ya bone e bolailwe ka lerumo. 

“Jaanong re ile ra letsetsa sepodisi, mme ga se nke se tle. Kgomo e e bolailweng e, ene e na le dinamane di le tharo. Ene e tlhokometse dinamane di le pedi, gonne bo mma tsone ba ile ba utswiwa. 

“Re sentse re rwele matsogo mo tlhogong, gonne le go fitlha ga jaana ga se re bone dinamane tseo. Ke utlwisitswe botlhoko ke ka mokgwa o kgomo eo e bolailweng ka teng. Ebile ga ra eja gonne e bolailwe botlhoko,” Koji wa tlhalosa. 

Koji are ba ile ba emela mapodisi lobaka, mme ba ile ba ba feleletsa ba fisitse kgomo eo. Koji are mapodisi a gorogile morago ga di ura di le nne. 

Kgabagare, sepodisi sa Taung se letse se tswile letsholo le go ruta barui gore ba dire jang go ka efoga gore leruo la bone le seka la utswiwa. Sebueledi sa sepodisi kwa sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are: “Beng ba diruiwa ba tshwanetse go tlhokomela gore magora le dikgoro di mo maemong a siameng go sireletsa leruo la bona. Go thapiwa ga motlhokomedi yo o katisitsweng sentle go botlhokwa gore a tlhokomele legora la gago letsatsi le letsatsi. 

“A ka netefatsa gore o kaba diphatlha tse di leng teng mo legoreng le kwa tlase ga lona ka gangwe. Lekola kgotsa o tlhatlhobe dipaakanyo tseno ka bowena go netefatsa fa tsotlhe di siame. Megotlha ya masaka kana ya dipolasa tse di se nang batlhokomedi, e tshwanetse go nna e notletswe kgotsa e thibilwe ka dinako tsotlhe.”

Van Rooyen are fa morui a batla go reka polasa ya tlaleletso, o tshwanetse gore a gakologelwa gore beng ba polasa ba ba sa duleng mo dipolaseng tsa bona ga ba ungwelwe. Are bogolo ba leke go reka gaufi le fa ba nnang teng. 

“Netefatsa gore ga go diphologolo dipe tsa matimela tse di fitlhiwang mo dikagong tsa gago. Masaka a na le go dirisiwa jaaka mafelothibelelo a go fitlha diphologolo tsa matimela. Fa go na le diphologolo tsa matimela begela mapodisi ka gangwe. 

“Diruiwa di tshwanetse go balwa ke mong ka boena, bonnye gangwe mo bekeng. Fa batlhokomedi kgotsa badisa ba na le diruiwa tsa bona mo lesakeng la gago, go di tlhakanya le go di fudisa mmogo ke tsela e e siameng ya go thibela bogodu jwa diruiwa, (segolo fa bathapiwa e le bona ba belaelwa),” Van Rooyen wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com