Monna wa kwa nageng ya Lesotho o bolailwe kwa Ditshilong


Ka OBAKENG MAJE

Sepodisi sa Taung se kaile fa se batlisisa kgetsi ya polao. Mme se se tla morago ga go bonwa ga setopo sa monna kwa motseng wa Ditshilong 2, gaufi le Taung mo letsatsing la Lamatlhatso. Go ya ka se bueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, mongwe wa bahiri kwa ntlung nngwe kwa motseng wa Ditshilong, one a tsosiwa ke segajaja kwa ntle fa a ne a robetse.

“Ene ele ka dinako tsa matsha fa tiragalo e e direga. Mohiri o ga mmogo le mong wa ntlo, ba ne ba tswela kwa ntle le go lekola seemo morago ga go utlwa ekare go na le mongwe o konopang ntlo ka matlapa.

“Fela ba ne ba fitlhela monna mongwe wa kwa nageng ya Lesotho a rapaletse fa fatshe, mme a tlhokafetse. One a na le dintho tsa go teketiwa,” van Rooyen wa tlhaosa.

Van Rooyen o kaile fa ba butse kgetsi ya polao, mme go sena ope o tshwerweng go fitlha ga jaana.

taungdailynews@gmail.com