
Ka REGINALD KANYANE
22 Lwetse 2025- Mokhuduthamaga wa lefapha la Tshireletso ya Baagi le Tsamaiso ya Dipalangwa mono Bokone Bophirima, Wessels Morweng are o tshositswe ke tiragalo ya kwa mabitleng a Mmabatho kwa go begwang fa go bonwe lesea le eleng gone le bonwang teng. Morweng are go begwa fa lesea leo le bonwe ke bangwe ba baagi ba ba tsamayang marageng ga tikwatikwe ya Mega City le motse wa Ramosadi, gone mo Mahikeng.
Morweng are setopo sa lesea leo, se bonwe mo letsatsing la gompieno. Morweng are o akgola tsibogo ya ka bonako ya sepodisi kwa seteishene sa Mmabatho.
“Batlhankela ba sepodisi ba ile ba sireletsa lefelo la tiragalo le le neng le setse le gatakakilwe ke batsamaya ka dinako ba ba neng ba sa itse ka tiragalo e. Setopo seo se ne se apesitswe ke se se neng se bonagala jaaka polasetiki e e neng e shele mohama.
“Re ikuela go baagi go ka dirisana le sepodisi ka go neelana ka tshedimosetso mabapi le go senola mong wa ditiro tse. Go fitlha ga jaana, ga gona ope o tshwerweng, mme dipatlisiso di tsweletse,” Morweng wa tlhalosa.