Maloko a Mamusa Karate Organisation a tlhoka matlole go leba kwa Japan 


Ka OBAKENG MAJE

Mokatisi gape eleng motlhami wa setlhopa sa basha se se ikatisetsang karate kwa motsese-toropong wa Ipelegeng, gaufi le Schweizer Reneke, Kabelo Seetelo are o motlotlo ka katlego ya basha ba a ba katisang. Seno se tla morago ga gore, maloko a setlhopa sa gagwe sa Mamusa Karate Organisation ale mabedi, a tlhopiwe go ya go emela naga ya Afrika Borwa kwa toropong ya Tokyo kwa nageng ya Japan ka Phukwi 2024. 

Go ya ka Seetelo, Thapelo Mandlane (12) ga mmogo le Resegofetse Seetelo (12), ba bontshitse bokgabane mo dikgaisanong tse kgale ba di tsenela tsa selegae. Seetelo are Thapelo le Resegofetse, ba ile ba tlhopiwa kwa Durban go ya go emela naga. 

“Bana ba ke ba ba fitlheletseng makgaola-kgang, mme ba ile go tsenela dikgaisano ko toropong ya Tokyo kwa nageng ya Japan ka Phukwi 2024. Jaanong jaaka setlamo, re tlhoka ketleletso ya matlole gore ba kgone go tsamaya. 

“Ba ne ba tsenetse dikgaisano kwa Klerksdorp ka Mopitlwe 2024, mme ba ile ba fenya. Seo se ile sa ba kgontsha go fetela kwa legatong le le latelang kwa Durban, mme le gone ba ile ba tlhopiwa jaaka bafenyi,” Seetelo wa tlhalosa.

Seetelo are ba tlhopilwe go tswa mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, go ya go emela Afrika Borwa kwa Japan, ga mmogo le bagaisani nabo go tswa kwa diporofenseng tse dingwe. Seetelo are ba ile ba tsenela kgaisano gape kwa motsese-toropong wa Mamelodi kwa Pretoria. 

“Le gone koo, ba ile ba fenya. Jaanong, re tshwanetse gore re tsamaye le bone ba le babedi go leba kwa Japan. Re kgaogantswe go ya ka didika tse di farologaneng, mme rona re emetse sedika sa Dr Ruth Segomotsi Mompati. Go fitlha ga jaana, re lekile go ikgologanya le mafapha a farologaneng jaaka lefapha la botaki, setso le metshameko, ga mmogo le kantoro ya tonakgolo mo porofenseng,” Seetelo wa tlhalosa.

Are ba tlhoka madi a kanang ka R119 000. Seetelo are seo se akaretsa marobalo, dijo, ga mmogo le go tsenela kgaisano go tloga ka di 16-22 Phokwi 2024. 

“Re ya go gaisana le dinaga tse di farologaneng, mme kgaisano e, e tla morago ga dingwaga di le tlhano. Re tla itumela thata fa re tla bona baetletsi ba ba tla re thusang gore re kgone go leba kwa Japan. 

“Mongwe le mongwe o anang le kgatlhego, a ka nteletsa mo dinomorong tsa 0783984037. Re tla itumela thata, gonne seo se tla rotloetsa bana ba bangwe go ka dira ka natla,” Seetelo wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com