Sejanaga se menogile kwa tsela-kgolo ya N18 mono Taung


Ka REGINALD KANYANE

22 Moranang 2025- Sepodisi sa Taung se kaile fa se butse kgetsi morago ga kotsi e diragetseng ka letsatsi la Tshipi mo mosong. Se se tla morago ga gore sejanaga sa Hundai Sedan se menoge kwa tsela-kgolo ya N18 e e ralalang toropo ya Taung.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Mokaptein Mpho Manyoba are, batho ba le babedi ba ile ba tabogisetswa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung, morago ga gore mokgweetsi a palelwe ke go ema kwa kgolokweng e rebang parakano (traffic circle) e e mo gare ga tsela mono Taung. Manyoba are go ile ga gobala batho ba le babedi.

“Go bontsha fa go ne go le mo mosong, mme go le lefifi fa kotsi e direga. Batlhankedi ba thuso ya potlako (Emergency Medical Rescue Services) ba ile ba tabogela kwa lefelong la tiragalo go neela bagobadi thuso ya potlako,” Manyoba wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com