Kgetsi ya go kgweetsa botlhatshwa e butswe morago ga go thulana ga dijanaga


Ka OBAKENG MAJE

18 Sedimonthole 2024- Sepodisi sa Taung se kaile fa se butse kgetsi ya go kgweetsa botlhatshwa. Se se tla morago ga gore dijanaga di le pedi tse di neng di lebile ntlheng tse di farologaneng, di thulane kwa toropong ya Taung ka la Tshipi.

Sebueledi sa sepodisi mo Dr Ruth Segomotsi Mompati, Sarasanta Typhosa van Rooyen are, dijanaga tse, di ne tsa chika ka gagwe, mme tsa thulana. Van Rooyen are, bakgweetsi ba ile ba leka ka natla go efoga kotsi, fela maloba ene ele maabane.

“Kotsi e, e ile ya tlogela lekgarebe la dingwaga di le 26 yo eneng ele mopalami mo sejanageng sa Hyundai ka dikgobalo tse di masisi, fa bakgweetsi ka bobedi ba dijanaga (27), ba tlogetswe ka dikgobalo tse di botlhofu.

“Ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana, mme mogobadi o ile a potlakisetswa kwa bookelong go bona thuso ya potlako,” van Rooyen wa tlhalosa.  

Kgabagare, dipego tse di sa totobalang, di kaile fa banna ba, ba ne ba iphetotse bo ramabelo ba dijanaga, Michael Schumacher ebile ba le mo kgaisanong.

taungdailynews@gmail.com