Moroba o neng a latlhegile o bonwe


Ka KEDIBONE MOLAETSI

17 Sedimonthole 2024- Moroba o go neng gwa begwa fa a timetse, Catharina Booysens (16), o bonwe kwa Brakpan ka Lamatlhatso, mme o buseditswe gae. Sepodisi sa Bokone Bophirima, sene sa ikuela go mongwe le mongwe go ka thusa go batlana le Booysens wa kwa toropong ya Klerksdorp. Go ne ga begwa fa Booysens o a dulang le batsadi ba gagwe ba eseng ba madi, ane a nyelela ka di 11 Ngwanatsele 2024.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh are: “Sepodisi ga mmogo le baagi, ba ile ba tswa letsholo go batlana le Booysens, fela seo se ile sa fetoga matsapa a bo phiri. Ka nako eo, go ne go se ope o a neng a itse gore Booysens one a apere eng fa a nyelela.

“Booysens o mosweu ka mmala, o na le mmele o mosesane, moriri o mo khunou, ga mmogo le matlho a mapududu, one a bonwa kwa Brakpan ntle le dikgobalo.”

Myburgh are sepodisi se lebogela tirisano-mmogo ya baagi. Myburgh are ba rotloetsa baagi go sala kaba ya bone morago ya Sefatlhego sa Buka go ka itse gore go diragalang mo dikarolong tsa bone.

taungdailynews@gmail.com