Mosimane o tlhokafetse morago ga go thulwa ke trailer ya sejanaga kwa Ranstad


Ka OBAKENG MAJE 

Sepodisi sa Taung se tlhalositse fa se batlisisa kgetsi ya polao ntle le maikaelelo. Se se tla morago ga gore lekawana, Thato Ralekwa (18), a tlhokafale, mme batsamaya ka dinao ba le bararo le bone a iponetse dikgobalo.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, batsamaya ka dinao bano, ba ne ba tsamaya mo mmileng mogolo wa R372 kwa motseng wa Ranstad, gaufi le Taung, fa ba ne ba thulwa ke trailer, e eneng e ya hakologa mo sejanageng sengwe se seneng se feta. Van Rooyene are tiragalo e ke ya letsatsi la Mosupulogo. 

“Sepodisi se butse kgetsi ya polao ntle le maikaelelo kgatlhanong le mokgweetsi wa sejanaga se sene se hakile trailer. Mokgweetsi o, one a kgweetsa mo mmileng o, fa trailer e a neng a e hakile mo sejanageng sa gagwe e kgomoga. Go begwa fa trailer e, ene ya go thula batsamaya ka dinao ba ba ne ba feta ka tsela ba le bane. 

“Batsamaya ka dinao bao, ba ile ba iponela dikgobalo mme ba rwalelwa kwa bookelong jwa selegae jwa Taung. Fela ka maswabi, lekawana la dingwaga di le 18, le ile la tlhokafalela kwa bookelong moragonyana,” Van Rooyen wa tlhalosa. 

Go begwa fa mongwe wa batsamaya ka dinao bao ba bararo ba ba gobetseng, a rwaletswe kwa bookelong jwa Klerksdorp/Tshepong Complex ka dikgobalo tse di masisi. Van Rooyen are dipatlisiso tsa polao ntle le maikaelelo ditsweletse, mme ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana.

taungdailynews@gmail.com