Baagi ba solofetswe go tsenela kopano ya metsi kwa dikantorong tsa Batlhaping Baga Phuduhutswana mono Taung


Ka OBAKENG MAJE

Baagi ba metse e farologaneng, ba solofetse go tsenela kopano kwa kgotlhakgolo ya Batlhaping Baga Phiduhutswana mo letsatsing la gompieno mabapi le tlhokego ya metsi. Seno se tla morago ga gore baagi ba bolotse mogwanto mo bekeng e e fetileng, mme ba tlhalosa fa ba batla metsi.

Mo letsatsing la maabane, bangwe ba baagi ba kaile fa ba itumeletse go bona metsi le fa a tswa a le masetlha. Ka Labobedi wa beke e fetileng, baagi ba metse e akaretsa Kibitswane, Kgatlheng, Taung Central ga mmogo le Cokonyane, ba ne ba bolotsa mogwanto go leba kwa dikantorong tsa setheo se se rebolang metsi sa Magalies Water le go neelana ka lekwalo la dingongorego (memorandum). 

Baagi ba, ga ba kgona go neelana ka lekwalo leo, gonne ba kaile fa ba ne ba batla go le neela majoro-khuduthamaga wa masepala wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Motseothata Maje ka sebele. Fela, go ya ka Maje, baagi ba ne ba kopile kemedi go tswa kwa masepaleng, ke ka moo molekgotlha Pico Seepamere a ne a ile go amogela lekwalo leo.   

Baagi ba ne ba kopa tsereganyo go Kgosi-kgolo ya Batlhaping Baga Phuduhutswana, Kgosi Tshepo Mankuroane. Seo sene sa dira gore, ka Labotlhano, baagi ga mmogo le ba tsaya karolo botlhe go tswa kwa masepaleng wa sedika, ga mmogo le kemedi go tswa kwa Magalies Water, ba tsenele kopano kwa kgotlha-kgolo. 

Mankuroane are ba nnile le tsereganyo mabapi le tlhokego ya metsi, mme ba dumalane le baagi ka bongwe jwa pelo go ka kopana gape mo letsatsing la Moshupulogo go tla ka toga-maano. 

“Baagi ba ne ba ikuela gore ba neelwe metsi. Jaanong, re dumalane le ba Magalies Water, ga mmogo le majoro-khuduthamaga wa masepala wa sedika, Motseokae Maje gore batla nelwa metsi. 

“Jaanong, re dumalane fela ka bongwe jwa pelo gore ka letsatsi la Mosupulogo re tla be re kopane gape mo kgotlha-kgolo go tla go bona tharabololo ya leruri mo tlhokegong ya metsi mo Taung,” Mankuroane wa tlhalosa.

Majoro-khuduthamaga wa masepala wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Motseokae Maje are masepala wa gagwe o leka ka natla go dira gore baagi ba bone metsi. Maje o tlhalositse fa ba dumalane le baagi gore ba tla ya go pompa metsi mo mafelong a beke, le go bona gore ke metse efe e e boneng metsi. 

“Re na le ditharabololo di le pedi, eleng ya paka-khutswane ga mmogo le paka-telele. Jaanong, kopano e, ene ele go tla go tlhalosetsa baagi ka maikaelelo a rona jaaka re le masepala, mme re dirisana le Magalies Water gore re tlile go dira jang gore ba bone metsi. 

“Re tsweletse ka go baakanya madutelo a mabedi kwa motseng wa Cokonyane, mme gape re tlile go tsenya peipi ya metsi ya sekgala sa 3.5km mo motseng wa Khibitswane, gore baagi ba kgone go bona metsi. Fela ka letsatsi la Moshupulogo, re tla be re le fa gape go tla go neela baagi dikarabo,” Maje wa tlhalosa. 

Kgabagare, modulasetilo wa komiti ya Tlhokego Ya Metsi Concerned Group, George Mmapalentwa are: “Ke tsaya gore tshwetso e e tshotsweng mo letsatsing la Labotlhano, e batla e re bontsha gore bogosi ga mmogo le masepala wa rona wa sedika sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, ba tlile ka tharabololo mo tlhokegong ya metsi. Re na le tshepo ya gore e tla tla ka maungo a namatshang.” 

taungdailynews@gmail.com