
Ka OBAKENG MAJE
17 Moranang 2025- Ba lelapa la moithuti wa Grade 3 kwa sekolong se se potlana sa GJ Podile kwa motsesetoropong wa Montshioa, gaufi le Mahikeng, ba re ba setse ban a le dipotso ka mokwa o sekolong se samaganeng le go tlhokafala ga ngwana wa bone ka teng. Bothati go tswa kwa Lefapheng La Thuto mono Bokone Bophirima, ba letse ba etetse lelapa la ga Ogone Sedupelele (8), yo o ileng a tlhokafala morago ga magatwe a gore o jele mazimba a nang le bolthole.
Go begwa fa Ogonne ga mmogo le mogoloe, Gofaone Sedupelele (10), ba ile ba lwala kwa sekolong morago ga go ja mazimba a nang le bolthole, mme ba a rekile go morekisi mongwe wa kwa mebileng. Go na le dipego tsa gore sekolo gas a dira sepe go na bona gore baithuti ba, ba bona thuso ya potlako.
Sebueledi sa lelapa, Itumeleng Tau are kopano ya bone le bothati go tswa kwa Lefapheng la Thuto mono Bokone Bophirima, e nnile e e tlhaloganyesegang. Tau are ba utlwane, fela ba setse ba na le dipotso ka mokgwa o sekolo se ileng sa samagana le kgetsi e ka gone.
“Fela re dumalane gore e tla re morago ga phitlho, re tla nna le kopano le ba lefapha go tla go atlhaatlha ntlha e. Go ya ka rona, ngwana o tlhokafetseng, o tlhokafaletse kwa sekolong fa mogolo ene a le kwa karolong ya balwetsi ba ba gateletsweng thata (ICU).
“Re na le tumelo ya gore ngwana o tlhokafetseng o, o dutse diura di feta pedi kwa sekolong a tlhokafetse. Se se re makaditseng ke gore, bana ba lwala kwa sekolong, mme sekolo ga se dire sepe go re itsise. Se se re utlwisitseng botlhoko le go, ga ba letsetsa le ambulance. Jaanong, dilo tseo tsotlhe ga di a di dula sentle. Re ipotsa gore fa ene e se letsatsi la go tsaya di report tsa bana, go tla be go diragetse eng,” Tau wa tlhalosa.
Tau are ba na le tumelo ya gore ngwana o kwa ICU, Gofaone, le ene o kabe a tlhokafetse, gonne ba dutse nako e telele thata kwa sekolong a lwala. Tau are jaanong, ba batla go tlhaloganya kemo ya lefapha mabapi le pabalesego ya baithuti kwa dikolong.
“Fa bana ba rona ba le kwa dikolong mo tlase ga tlhokomelo ya barutabana, a ba sireletsegile? A mme barutabana ba letleletswe go letsetsa ambulance fa go ka nna le bothata mabapi le moithuti mongwe kwa sekolong kgotsa jang.
“Re ile ra itsisiwe ke motsadi o aneng a ile kwa sekolong go ya go tsaya di report tsa bana ba gagwe. Motsadi wa ntlha o bone tiragalo e ka ura ya borobongwe mo mosong, mme a romelela mmagwe ngwana molaetsa wa WhatsApp. Ka maswabi, mmagwe ngwana one a sena data, mme ga bona molaetsa o,” Tau wa tlhalosa.
Tau are motsadi wa bobedi, Nomonde Cindi, o ile a tla kwa lelapeng ka bone, mme a tsamaya le ngwana wa sekolo o aneng a ile go mo botsha kwa Ogone le Gofaone ba dulang teng. Tau are Cindi o ile a ba tlhalosetsa fa bana ba bone ba lwala.
“Mmagwe bana ba o ile a tabogela kwa sekolong. Ke nnete o ile a fitlhela o mo tonna a lwala thata, mme ene ya re fa a fetsa go mo bona, one a laelwa fa ngwana o mongwe, Ogone, a robetse kwa phaphosing. O ile a mo fitlhela a sa bonye le go bonya, mme a sa itse gore a ngwana wa tshela kgotsa jang.
“Are o fitlhetse letlalo la ngwana le le lesetlha ekare ke gone a bonwang. O ile a tsaya bana bao ba le babedi go ba isa kwa kliniking ka thuso ya mongwe wa barutabana. Fa ba tsena kwa kliniking, baoki ba ile bam o tlhalosetsa fa ngwana o mogolo a lwala thata mo ebileng ba ka se kgone go mo thusa, mme a tabogisetswe kwa bookelong,” Tau wa tlhalosa.
Tau are, fela baoki ba ile ba tlhalosa fa ngwana wa bobedi e le kgale a tlhokafetse. Tau are sekgala magareng ga sekolo sa GJ Podile le go ya kwa kliniking, ga se fete metsotso ele metlhano.
“Jaanong, seo se bontsha fa ngwana a dutse diura di feta pedi a tlhokafetse. Tiragalo e, ga ya tshwara mmagwe bana sentle, mme o utlwile botlhoko thata. Re le lelapa re wetswe ke leru, mme re ipotsa gore go kgonagetse jang gore batsadi ba le teng kwa sekolong, mme ngwana a tlhokafale jaana?
“Re dumela fa barutabana ba ne ba tsibogile ka nako, re ka be re se fa. Jaaka lelapa, ga rena le madi a go ka tsaya dikgato tsa semolao, gonne re bo gopane ba moikapari. Sekolo se tlhalosa fa se lekile go letsa, mme se tlhalosa fa dinomoro di ne di le robongwe,” Tau wa tlhalosa.
Fela Tau o ganetsana le magtwe ao, mme a re go ne go na le dinomoro tse dingwe tse pedi, mem go baneng sekolo di sa di dirisa.
Mongwe wa batsadi ba ba boneng ka matlho, Nomonde Cindi are one a ile go tsaya di report tsa ban aba gagwe kwa sekolong fa a ne a ka bona tiragalo e. Cindi are ene ya re fa a tsena kwa sekolong, o ile a fetela kwa phaphosing ya ngwana wa gagwe, Andile Cindi.
“Ke ile ka fitlhela baithuti ba setse ba tswile kwa phaphosing, mme ke ile ka botsa gore morutabana o kae. Ke ile ka bolelelwa fa morutabana a tswile. Ke ile ka leba kwa phaphosing ya bana ba ga nnake, gonne le bone ba tsena sekolo kwa GJ Podile.
“Ke ile ka fitlhela morutabana, ga mmogo le moithuti o tlhokafetseng a robetse ka mpa ya sebete, mme a khurumeditswe ka kapi ya tracksuit e a neng a e apere. Morutabana o ile a nkopa gore ke mo shebe gore a ke a mo itse, gonne go tlhalositswe fa a dula kwa di Smarties,” Cindi wa tlhalosa.
Cindi are o ile a khurumulula ngwana go mo sheba, fela o ile a mo fitlhela a sa bonye le go bonya. Cindi are one a mo tlogela, mme a leba kwa phaphosing ya morwae, Andile.
“Ke ile ka fitlhela morutabana, mme ka tsaya se ke se tsayang. Kei le ka boela kwa phaphosing e moithuti o tlhokafetseng ane a kwa go yone. Ke ile ka kopa morutabana go ithaopa go ya go batla kwa moithuti o a dulang teng. Fela ke ile ka tlhalosa fa ke sa go tlhaloganye sentle, mme ke ile ka kopa moithuti a le mongwe o itseng kwa lelapeng la moithuti o, go ka tsamaya le nna.
“Re fitlhile kwa lelapeng, mme ke fitlhetse malome wa moithuti o, mme o ile a letsetsa mme mmagwe moithuti o, yo o ileng a tlhalosa fa a setse a le kwa toropong, fela o mo tseleng. Re ile ra boela kwa sekolong, mme ke ile ka fitlhela mmagwe ngwana a tshwere Gofaone,” Cindi wa tlhalosa.
Cindi are, ngwana o neng a le kwa phaphosing, ene one a sa shebiwe. Are, fela morutabana mongwe o ne a ba pega mo sejanageng sa gagwe, mme a ba isa kwa kliniking.
“Ke nnete moithuti o neng a ntsheditswe kwa ntle gore a itewe ke phefo, o ile a patelewa go shutlha matlhatsa a gagwe. Ke fitlhetse baithuti ba ntsheditswe kwa ntle, mme ene one a patelediwa go shutlha matlhatsa le fa a ne a le bokoa.
“Tiragalo e, e nkamile thata mme ke ipotsa gore a bana ba rona ba babalesegile kwa sekolong, gonne tiragalo e, e ka diragalela ngwana mongwe le mongwe. Ke utlwile botlhoko thata, mme ke tshepa fa ba losika ba ka tshidisega,” Cindi wa tlhalosa.
Sebueledi sa Lefapha La Thuto mo Bokone Bophirima, Mphata Molokwane are: “Dipatlisiso mabapi le kgang e di tsweletse, mme re kopane le ba lelapa go ka bona tharabololo mo kgannyeng e. Re tlile go ntsha kitsiso ya dipatlisiso morago ga gore dikonosediwe.
“O tla gopola gore mo ngwageng o fetileng, re ile ra ntsha kitsiso go dikolo, mme re kopa batsadi go se neele bana madi fa a ya sekolong. Baithuti ba, ba reka dijo tse di sa siamang go barekisi ba bam o mebileng fa sekolo se tswa, mme ga nke re itse gore a dijo tseo di siametse go ka jewa.”
Kgabagre, lekoko la ANCWL mo Mahikeng, Kgalalelo Gorapelwe are ba utlwisitswe botlhoko ke tiragalo e, fela ba tshepa fa ba lelapa ba ka tshidisega.