
Ka OBAKENG MAJE
22 Diphalane 2025- Kgetsi ya go utswa bojalwa kgatlhanong le motlhankela wa sepodisi kwa Seteisheng sa Taung, Constable Nicolas Motlhankane (28), e solofetswe go boela kwa kgotlhatshekelo ya Hartswater mo letsatsing la gompieno. Motlhankane o ile a tshwarwa ke lephata la sepodisi se se batlisisang dikgetsi tsa bonwenwe kwa porofenseng ya Kapa Bokone, le go molatofatsa ka bogodu.
Go begwa fa ka di 31 Phatwe 2023, Motlhankane, yo oneng a tsenetse thupelelong (training) kwa seteisheneng sa sepodisi sa Kgomotso, a ile a tsaya sejanaga sa sepodisi, mme a leba kwa Pampierstad. Go begwa fa Motlhankane a ile a tsena kwa lebenkeleng le le rekisang nnotagi la batswa-kwa ba kwa nageng ya China, mme a ba kaela fa a tlile go puruputsha.

Go begwa fa Motlhankane, a ile a utswa bojalwa teng kwa lebenkeleng leo la nnotagi.
Sebueledi sa sepodisi kwa porofenseng ya Kapa Bokone, Sergeant Molefi Shemane are Motlhankane one a tlhageletse ka boripana kwa kgotlhatshekelo ya Pampierstad mabapi le ditatofatso tsa bogodu. Shemane are kgetsi kgatlhanong le Motlhankane, e ile ya busediwa kwa morago go fitlha di 22 Diphalane 2025.
“Molatofadiwa o ile a neelwa beile ya R500, fa kgetsi e ile ya sitlhamolosediwa kwa kgotlhatsekelo ya sedika ya Hartswater,” Shemane wa tlhalosa.