Motlhankela wa sepodisi o latofadiwang ka go utswa leruo o neetswe beile ya R500


Setshwantsho: Lepodisi le le tshwerweng, McDonald Moshopa Mojaki/Facebook

Ka OBAKENG MAJE

8 Moranang 2026 – Kgetsi ya bogodu jwa leruo kgatlhanong le motlhankela wa sepodisi, McDonald Moshopa Mojaki (42) kwa seteisheneng sa sepodisi sa Hartswater, e buseditswe morago ke kgotlhatshekelo ya Hartswater go fitlha 11 Motsheganong 2026. Mojaki one a tshwarwa mabapi le ditatofatso tsa go utswa dipudi kwa motseng wa Magogong, gaufi le Taung.

Go begwa Mojaki e le Sarasanta, ebile a direla lephata la matseka teng kwa seteisheneng sa sepodisi sa Hartwater, mme ka tsalo, a tswa kwa motseng wa Mokasa, mono Taung. Go begwa fa Mojaki a tshwerwe ke ba babatlisisi ba kwa Kimberley Stock Theft and Endangered Species Unit (STESU) ba go begwang fa e le kgale ba mo tlhomile matlho sebakanyana morago ga go amogela dingongora tse di mo latofatsang ka go nna dinalanyana.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi kwa Kapa Bokone, Warrant Officer Molefi Shemane, motlhankela o wa sepodisi, o tshwerwe ka Labone. Go begwa fa Mojaki a neetswe beile ya R500.

Kgabagare, Mokomishinara wa nama-o-sa-tshwere wa sepodisi kwa Kapa Bokone, Major General (Dr) Thabo Mphuthi, are ke matlhabisa ditlhong go bona bangwe ba batlhankela ba sepodisi ba amega mo bogodung.

“Batlhankela ba sepodisi ba tshwanetse go direla baagi ka boammaruri le botshepegi. Go tlile go bolodiwa dipatlisiso tsa ka mogare kgatlhanong le motlhankela o wa sepodisi,” Mphuthi wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com