Mosadi o tshwaretswe maiteko a polao morago ga ditatofatso tsa go tlhaba morwadie


Ka OBAKENG MAJE

18 Mopitlwe 2026- Mosadi wa dingwaga di le 38 o tshwerwe morago ga ditatofatso tsa go tlhaba morwadie (16) ka sengwe se se bogale makgetlho a le mmalwa. Tiragalo e, ke ya kwa motsesetoropong wa Utlwanang, kwa Christiana.

Go begwa fa kgwedi ya Mopitlwe e ne e tlhola matsatsi a le 16, magareng ga ura ya 9 le 11 mo mosong, go ile ga tsoga tlhatlharuane magareng ga motsadi o le ngwana wa gagwe.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Mokaptein Majang Skalkie are go begwa fa mosetsanyana o, a ile a tabogisediwa kwa kliniking ya selegae ka dintho tsa go tlhabiwa. Skalkie are motswasetlhabelo o ile a lokololwa kwa kliniking moragonyana.

“Sepodisi se batlisisa kgetsi ya maiteko a polao kgatlhanong le mosadi o. Se se tla morago ga gore a tekete morwadie. Mosadi o, o ile a tshwarwa gone ka letsatsi leo, mme o tlhotse a tlhageletse kwa kgotlhatshekelo ya Christiana mo letsatsing la gompieno.

“Kgetsi e buseditswe morago go fitlha di 24 Mopitlwe 2026, kwa molatofadiwa a solofetseng go dira kopo ya semmuso ya beile,” Skalkie wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com