Mosadimogolo o tlhokafetse morago ga go thulwa ke terekere kwa toropong ya Taung


Ka BAKANG MOKOTO

Sepodisi sa Taung se butse kgetsi ya polao ntle le maikaelelo. Se se tla morago ga gore, mosadimogolo mongwe wa di ngwaga di le 75,a thulwe ke terekere mo toropong ya Taung mo letsatsing la maabane. Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Lieutenant Col Amanda Funani are: “Motswasetlhabelo o ile a rwalelwa kwa bookelong jwa selegae kwa a ile a tlhokafalela teng. Kgetsi ya maiteko a polao ile ya bulwa, mme e tla fetisediwa kwa go ba bosekise go ka tsaya tshwetso.

“Babosekise batla tsaya tshwetso ya go sekisa mokgweetsi wa terekere kgotsa nnyaa.”

taungdailynews@gmail.com