
Ka REGINALD KANYANE
Lekgarebe (31) le lekau la gagwe (26), ba leletswe ke ditshipi morago ga ditatofatso tsa gore ba bolaile ngwana (4) wa lekgarebe le, kwa Extension 7 kwa motsesetoropong wa Boitekong, gaufi le Rustenburg. Go begwa fa baratani ba, ba bolaile mosimanyana o, mme ba mo epela mo lebitleng le le seng boteng kwa sekgweng kwa ntlenyana ga Boitekong. Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Lieutenant Col Amanda Funani, baagi ba ne ba tshimolola go botsa dipotso morago ga go sa tlhole ba bona mosimanyana o.
“Ene ya re ka Phukwi 2023, bangwe ba baagi ba ne ba simolola go botsa mmagwe mosimanyana o dipotso gore ngwana o kae. Fela, go begwa fa mmangwe moswi one a itoma diteme le go palelwa ke go neela baagi dikarabo tse di tsepameng. Go begwa fa moswi a bonwe labofelo ke baagisani ka Phukwi 2023.
“Ene ya re mo go yone beke e, baagi ba ne ba lotlegela molekgotlha wa bone ka tiragalo e. Bangwe ba baagi, ba ne ba latela mmagwe moswi le go mo tlhoma dipotso gape. Go begwa fa mmagwe mosimane o, a ne a ntsha mosi ka sekhurumelo le go ipobola fa ene le molekane wa gagwe ba bolaile mosimane o, mme ba mo epela kwa lebitleng le le seng boteng kwa sekgweng gaufi le Boitekong,” Funani wa tlhalosa.
Go ya ka Funani, baagi ga mmogo le molekgotlha, ba ile ba neela mmagwe ngwana le molekane wa gagwe kwa sepodising. Go ya ka magatwe, go begwa fa mosimanyana o, a ne a bolawa morago ga go thuba thelebeishene ya molekane wa ga mmagwe.
“Babelaelwa ba solofetswe go tlhagelela ka boripana kwa kgotlhatshekelo ya Rustenburg ka Mosupulogo mabapi le polao ya mosimane o,” Funani wa tlhalosa.
Kgabagare, mokomishinara wa sepodisi mo Bokone Bophirima, Lieutenant General Sello Kwena, o kgadile tiragalo e ka bogale, mme o akgotse sepodisi morago ga go tshwara babelaelwa. Kwena are o itumelela go bona baagi ba sa itseela molao mo matsogong.
“Ke laetse babatlisisi mo kgetsing e, go ka dira ka natla. Ba tshwanetse ba batlisise kgetsi e go utlwala le go bona thito-kgang ya yone,” Kwena wa tlhalosa.

