
Ka OBAKENG MAJE
Lekala le le ikemetseng la dipatlisiso kgatlhanong le mapodisi la Independent Police Investigative Directorate (IPID), le tsweleditse dipatlisiso. Se se tla morago ga gore banna ba le babedi ba ba neng ba tshwarwa nakwana le go bewa kwa morago ga serori sa mapodisi kwa seteisheneng sa mapodisi sa Morokweng, gaufi le Ganyesa, ba tlhokafale.
Go begwa fa tiragalo e, e diragetse fa masigo a Labobedi a ne a sa. Go ya ka dipego, banna ba ba ne ba tshwerwe nakwana morago ga maitsholo a sa isegeng.
Go begwa fa molelo o ile wa runya kwa morago ga serori se sa sepodisi, mme monna mongwe o dingwaga tsa gagwe di sa itsiweng, one a tlhokafala ka ntlheng ya go hema mosi, fa o mongwe a ile a tabogisetswa kwa bookelong jwa selegae ka dikgobalo tsa go fisiwa ke molelo. Fela go tlhalositswe fa monna o wa dingwaga di le 24, le ene a ile a tlhokafala mo letsatsing la maabane.
Sebueledi sa IPID, Lizzy Shuping are: “Ke nnete, monna o neng a amogetswe kwa bookelo, o ile a tlhokafala. Ba lephata la IPID, ba tsweleditse dipatlisiso.”
