Tsela-fefo ya N12 e tswetswe bontlha-bongwe


Ka OBAKENG MAJE

24 Moranang 2025- Lefapha la Tshireletsego ya Baagi, ga mmogo le Tsamaiso ya Dipalangwa le tsibosa bakgweetsi ba dijanaga fa ntsela-fefo ya N12 go tswa kwa Klerksdorp go ya kwa Potchefstroom, e tswetswe ka bontlhabongwe. Se se tla morago ga dipula tse di maatla.

Sebueledi sa Lefapha la Tshireletso ya Baagi ga mmogo le Tsamaiso ya Dipalangwa, Charles Matlou are go begwa fa metsi a le mantsi a tletse kwa tseleng eo, mme e sa tsamaege. Matlou are batlhakela ba pharakano ba teng ko tseleng eo go ela maemo tlhoko.

“Go fitlha ga jaana, batlhankela bao, ba butse tsela mohama ele go netefatsa fa dijanaga di efoga metsi ao. Badirisi ba tsela ba kopiwa go nna le tirisano-mmogo,” Matlou wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com